Breaking News

Go ithuta motho go botlhokwa

06 Feb 2014

Bomme ba kopilwe go itse borre pele ga ba tshola bana le bone go itsa go latlhegelwa  ke  dikgang  tse di amang  tlhokomelo ya bana  kwa makgotleng a ga makaseterata.

Kopo e, e dirilwe ke mokwaledi mo lekgotleng la ga mmakasetera kwa Tsabong, Rre Ditsaone Mogamisi  mo puisanong bosheng,.

Rre Mogamisi o tlhalositse gore  ba begelwa dikgang  tsa tlhokomelo ya bana di le dintsi thata mo kgaolong ya  Kgalagadi  Borwa, a supa  fa   go simologa ka ngwaga wa 2012 go fitlha ka 2013 ba begetswe dikgang  di le  lekgolo le masome a matlhano le bosupa.  

O tsweletse a  kaya fa  bomme ba le bantsi ba itlhaganela go tlhakanela dikobo  le borre  ba sa  itshireletsa, ba sa  ba itse  e bile ba sa   ba tlhaloganye  mme  mme ba felele ba tshola bana , seo se dire gore bangwe  ba  bone ba  seka ba tlhokomela  bana  gotlhelele.

A re  gantsi  fa  bomme ba ya  go ikuela, ba  ya ba iphotlhere fela ba se na kitso epe  ya  kwa borre ba berekelang  teng  le kwa ba nnang  teng  tota. O  supile  fa seo se tsala tiego mo kgannyeng e bile se thatafaletsa  ba bosekisi go thusa bomme ka fa tshwanelong.

Rre Mogamisi o kaile fa molao wa bana  wa 2008 o tlama gore ngwana a itse batsadi  ba gagwe  boo babedi  le gore ba tshwanetse go mo tlhokomela   ka nako  tsotlhe e bile ba tlhomamisa gore o bona tsa thuto le botsogo le tsotlhe fela tse a ka di tlhokang.

O gakolotse bomme go nna le dipuisano le go tsaya ditshwetso tse di maleba pele ga ba  ka dumalana go nna le ngwana  ka  seo se ka thusa gore ngwana  a seka a tsholelwa mo  legoeleleng.

A re gantsi dikgang  tse ba di amogelang ke tsa bomme ba ba dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe, fa dingwe e le tsa bagolo  ba ba tlogetsweng le bana, a tlatsa ka gore  bontsi  jwa bone ke ba ba sa berekeng.

O tlhalositse fa ba leka ka bojotlhe go sekaseka le go atlhola botlhe ba ba amegang  ka go laela borre go tlhokomela  bana bao, go tswa fela gore ba tla  dumalana gore dituelo di duelwe ka tsela e e ntseng jang.

Rre Mogamisi o ne  gape a kgothatsa borrabana go tlhokomela  bana  boemong jwa go ba tlhokomelela  kwa ga makasetera, a re go tlhoka go dira jalo   ke go tlhoka boikarabelo mo baneng ba bone. 

O gakolotse  borre   go  kopa dikgakololo mo makgotleng a borre a tshwana le a bo” Men Sector” fa  ba ne  le  mathata le bommabana go na le gore ba seka ba tlhokomela bana  ka ngwana e le mpho ya  Modimo e bile a tshwanelwa  ke go tlhokomelwa sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 06 Feb 2014