Tona o ema dikoporase nokeng
06 Feb 2014
Tona wa papadi le madirelo a re o ema nokeng dikoporase ebile o dumela gore fa dilo di tsamaya ka fa tshwanelong, Batswana ba ka akola katlego ya tsone.
E rile fa a bua kwa pitsong ya dikoporase kwa Sebele bosheng, Mme Dorcas Makgato-Malesu a re lephata la gagwe le ikaelela go nonotsha boeteledipele jwa dikoporase gore di kgone go dira dipoelo.
A re go botlhokwa gore dikoporase di ithulaganye sesha, di bo di ipaakanyetse kgaisanyo e e diragalang mo papapdisaong. A re dikoporase di tshwanetse tsa nna le batsamaisi ba ba nonofileng.
Tona o boletse gore puso ga e kake ya dira mo go kalokalo ka gore ditsompelo tsa yone di a tlhaela, ebile e lebaganwe ke go tlhomamisa gore dikgoreletsi tsa go dira kgwebo di a nyelediwa go balelwa le go fa maloko a dikoporase le badiri ba stone botsipa ja go dira kgwebo mo metlheng ya segompieno.
O boletse fa a na le tsholofelo ya gore pitso eo e sekasekile methale e mesha mo go tsamaiseng kgwebo mo malatsing a segompieno.
Tona a re lenaneo la dikoporse go simolola ka 2011 go fitlha ka 2020 le di baya mo seemong se se botoka sa go gweba e bile se bone dilo di le tlhano tse di ka kgonafalang tse di akaretsang madi, tsa molao, go nna tlhaga ga maloko, le bokgoni ja go gweba ga sennela ruri.
A re go na le lenaneo la Africa Co-operative Development Strategy (2013-2016) le le lone le ka dirisiwang go thusa dikoporase tsa mo Botswana go tswelela.
Mme Makgato-Malesu o boletse gore mananeo a mabedi a a batla gore dikoporase lefatshe ka bophara di tshwanetse go ema ka dinao mme tsa tsamaisa itsholelo le ditlhabololo tsa mafatshe a tsone mme di tlhabolole matshelo a maloko a tsone.
A re ka mabaka a a ntseng jalo, dikoporase tsa Botswana di tshwanetse go ikaga sesha gore di kgone go nna bontlha bongwe jwa makgotla a dikoporase a mafatshefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Pitso ya dikoporase
Date : 06 Feb 2014






