Lephata le simolodisa go rupisa masea
05 Feb 2014
Lephata la botsogo le simolodisitse tiriso ya di dirisiwa tse di sha tse di dirisiwang mo go rupiseng masea.
Mogokaganyi wa lenaneo la Safe Male Circumsion, Rre Conrad Ntsuape a re di dirisiwa tse pedi tse ke tsa maemo a a kwa godimo fela thata. A re go rupisa mo , ga go tlhoke gore ngwana a idibadiwe e bile ga go dire gore madi a tshologe, a tlatsa ka gore ntho ya learo e tsaya malatsi a supa fela go fola.
Rre Ntsuape a re di dirisiwa tsa Mogan Clamp le AccuCirc di tla dirisiwa mo maseeng go simolola ka ba ba nang le dioura dile boroba bobedi ba tshotswe go fitlha ka ba ba dikgwedi tse pedi.
A re go tla rupisiwa masea a a itekanetseng a bokete jwa dikhilokerema di le 2.5 a nale bonna jwa boleele jwa sentimethara le go feta. O tsweletse a re pharologano fa gare ga di dirisiwa tse pedi tse ke gore Accucirc e a latlhwa morago ga tiriso fa Mogan Clamp e dirisiwa fa go dirwa loaro lwa batho ba le bantsi mme bogolo thata fa ditlamelo di leng boutsana teng. A re sa teng se se latlhwang ke dikgare fela.
O tlhalositse fa mogopolo wa go amogela di dirisiwa tse pedi tse o tsile morago ga ditherisanyo tse di tsereng lobaka di itebagantse le go amogela go rupisa masea a basimane e le bontlha bongwe jwa go thibela HIV le go tokafatsa botsogo jwa borre, tse di neng di dirwa ke puso ya Botswana e tshwaragane le ya Amerika ka Havard Institute ka 2008.
A re tshekatsheko e, e dirlilwe gape ka tumalano ya bomme ba ba tsotseng masea a basimane mo Botswana, e maduo a yone a supang fa bontsi jwa bomme ba amogela gore masea a rupisiwe, fa ba se kae fela ba ne ba supa fa ba sena kgatlhego ya go tsaya karolo mo dipatlisisong.
Rre Ntsuape a re go rupisa masea ke selo se se ka bong se sa bolo go dirwa ka gonne lefatshe le, e le lengwe la a le lesome le bone mo Aferika a a tshwanetse go godisa go rupa ga basimane ga mmogo le borre. O tlhalositse fa go tsaya kgato ya go rupisa masea, go tla jaana morago ga go dirwa ga dipatlisiso ke ba World Health Organisation mo go supileng fa mafatshe ao a nale dikgang tse di kwa godimo tsa HIV, fa go rupa ga borre go le kwa tlase.
A re dithuto mo go diriseng di dirisiwa tse di fiwa baoki ba ba rutetsweng go belegisa le dingaka, a tlatsa ka gore didirisiwa di tla abelwa dipatela tsa Sekgoma Memorial, Mahalapye, Maun le dikokelwana tse dingwe tse di nang le tsa pelegi mo Gaborone le tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 05 Feb 2014






