Breaking News

Thulaganyo ya go tlhabolola Phikwe e tsweletse

05 Feb 2014

Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re go setse go dirilwe thulaganyo ya go tlhabolola toropo ya Selebi Phikwe go nna boremelelo jwa go apaya le go tlhotlha ditswammung. 

E rile a bua kwa moletlong wa dijo le dino o o neng o rulagantswe ke lekgotla le le rotloetsang madirelo mo toropong eo la SPEDU bosheng, Dr Kedikilwe a re go tlhoma lefelo le ditswammung di ka tlhotlhwang mo go lone ga go na go nna motlhofo jaaka go akanngwa. O boletse gore moepo wa BCL le SPEDU di tlaa dira mmogo go tlhomamisa gore  e le ruri toropo eo e nna kwa go tlhotlhiwang ditswammung teng, a tlatsa ka gore makgotla a mabedi ao a tsweletse mmogo go dira ditsamaiso tse a ka dirang kgwebo mmogo ka tsone.

Dr Kedikilwe a re moepo wa BCL ka thulaganyo ya one ya Polaris II o tlaa kgontsha toropo go  nna le madirlo a matona a le mmalwa a a tlaa felelang a tlhama ditiro tse dintsi. A re o itse gore BCL e tloga e reka madirelo a Pula Steel, kompone e e tlaa dirisang matlakala a ditshipi go  boa e a gakolosa go dira dithoto tse disha tsa tshipi.

A re madirelo ao a tlaa gakolosa dithane  tsa ditshipi tsa matlakala di le lekgolo go ya kwa go 3000 ka letsatsi. A re madirelo a magolo ao, ga a kake a tshela a le nosi mme a tlaa thusiwa ke a mabotlana  a SPEDU e tlaa a rulaganyang mme e a rekisetse bagwebi jaaka madirelo a go gakolosa tshipi, kopore, polaseteke, go dira melemo e e bolayang diji, go dira ditalameiti, le go dira menontshane. Madirelo a mangwe a tlaa akaretsa go gakolosa le go tlhotlha kopore, le go dirisa mosi o o tswang mo kapeong ya kopore. 

A re go simololwa ga mafaratlhatlha a madirelo a go nna jaana, go tlaa bula diphatlha tsa mebereko mme go nonotshe thulaganyo ya puso ya go tswakanya itsholelo. Tona a re o lebogetse thata maiteko a BCL ka Polaris II mme puso e atlile mogopolo oo. A re BCL e ikagile sesha mme ga e sa tlhole e na le dikgwetlho tsa lekgetho. Kompone ya Norilsk le yone e setse e tserwe ke BCL mme dilo tse di tlaa dira gore BCL  e kgone go kopanela kgwebo le dikompone tse disha.

Mothusa Tautona a re BCL e e agilweng sesha e tlaa tlhama mbereko, e bo e tswakanye itsholelo mme e thuse setshaba sa toropo eo. A re lekgotla la BOCCIM le na le seabe se setona thata mo dithulaganyong tsa BCL. Ka jalo a re o solofela gore dithulaganyo tse di tlaa nna le maduo mme di tokafatse matshelo a Batswana.

O tsweleltse a bolela gore dikgato tsa ntlha tse di botlhokwa di setse di tserwe mme jaanong di tshwanetse go tswelela go sena sekgoreletsi go tlhomamisa gore dikeletso le ditoro tsa rona di a diragala.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : SELIBE PHIKWE

Event : Moletlo wa dijo le dino

Date : 05 Feb 2014