Breaking News

Ba thuto-ga-e-golelwe ba abela bana

05 Feb 2014

Batswana le maphata ka go farologana ba tsweletse ka go tshegetsa le go diragatsa  letshego la tebelopele ya 2016  la setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.

Ba lephata la thuto ga-e-golelwe kwa kgaolong ya Letlhakeng  ba ne ba etela sekole se sebotlana sa Letlhakeng bosheng , go ya go abela bana ba le babedi kapari ya sekole le melora. E rile a rola dilwana tseo, mogolwane wa  thuto ga-e-golelwe mo kgaolong eo, Mme Gaolese Ncaagae, a tlhalosa fa ba bonye go le botoka go thusa bana bao ba basimane ka paka ya sekolo le melora ka ba lemogile fa ba tlhoka go tswa. 

Mme Ncaagae a re, go ne ga supega fa bana ba tswa mo lwapeng le le lengwe. O kaile fa ba itemogetse fa bana ba ba  thusitseng bao e se bone fela ba ba nang le botlhoki. Mme Ncaagae a re ba kgonne go rekela bana bao dilwana  tsa P1 228,  ka  bontlha bongwe jwa madi a ba neng ba ntse ba a kgobokanya  ka go dira  bo mmabontle le dikopelo.

O tlhalositse  fa  maikaelelo a bone  fa ba  kgobokanya madi  e le  go a dirisa go thusa fa go tlhokegang teng. Fa a amogela dilwana tseo, mogokgo wa sekole seo, Mme Sibongile Matshambane, o ne a kaya fa a itumelela tirisanyo mmogo ya bone le ba thuto ga-e-golelwe fa ba na le selelo. Mogokgo o ne a tlhalosa fa motsadi wa bana bao  a sa kgone go itirela ka a le bokoa mo mmeleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo-dimpho

Date : 05 Feb 2014