Puso e pepetletsa batshameki
04 Feb 2014
Go agiwa le go tlhabololwa ga mabala a metshameko go kaya fa puso e na le lenyora la go bona dikgantshwane tsa metshameko tsa lefatshe leno di tsabakela.
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabolo Mgae, Rre Olebile Gaborone, o buile se fa a amogela molelo wa kgolagano wa metshameko ya mafatshe a selekane kwa Tlokweng ka Labotlhano. A re puso ena le lenyora la go bona boleng mo metshamekong mme ke sone e tsweletseng ka go fa metshameko madi le go e tlhabolola.
“Madi a puso ea abelang metshameko, ke sekao sa ka fa puso e ikaelelang go godisa metshameko ka teng,” Rre Gaborone a tlhalosa. A re go bo lefatshe leno le na le dikgantswane di akaretsa bo Amantle Montsho le Nigel Amos ga go a tla ka lesego fela mme go tsisitwe ke go bereka ka natla.
O ne gape a supa fa go tlhokega gore bana le seabe botlhe ba akaretsa batsadi ba tsenye letsogo go godisa metshameko le go ngoka bana. Rre Gaborone o ne a supa fa go le botlhokwa gore banana ba je metshameko mokaragana ba sale bannye, ele tsela ya go ba ngoka.
A re fa motshameko o ka tsisa monyenyo mo baneng ba sale bannye, ba ka kgona go nna le lorato mo go one. O ne a tlhalosa fa Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le na le seabe se sentsi thata mo go tlhabololeng le go ngokela bana mo metshamekong ka go farologana.
A re lephata la thuto ke lone mokokotlo wa metshameko mo lefatsheng leno, ka bontsi jwa batshamiki ba bonelwa kwa dikolong. O ne gape a gakolola fa seabe sa batsadi le sone sele botlhokwa mo go rotloetseng le gone go godisa metshameko.
Rre Gaborone a re mo dingwageng tse di sa tswang go feta lefatshe leno le ntse le itemogela kgolo ya metshameko ka go farologana, a bua jalo a akgola lekgotla la Botswana National Olympic Committee (BNOC), go bo le kgonne go ribolola bagaka ba metshameko ba lefatshe leno. O kaile fa molelo wa kgolagano o tsisa botsalano jwa mafatshe ka go farologana le mafatshe a selekane.
Fa akgela, mothusa moeteledipele wa BNOC, Rre Moses Moruisi, o ne a tlhalosa fa moleo oo wa kgolagano o tsamaya mo mafatsheng a le masome a supa le bongwe mme o tswa kwa go Mmamosadinyana kwa England. A re Queens Baton Relay, jaaka o itsege, o tla wetsa go dikologa le mafatshe kwa Glasgow, Scotland, kwa metshameko ya diolimphiki e tla bong e tshwaretswe teng mono ngwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : RAMOTSWA
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 04 Feb 2014






