Breaking News

Baruti ba gakololwa go ikela tlhoko

04 Feb 2014

Baruti ba kopilwe go ikgapha  go tsena  mo maratong a a sa letlelesegeng  le bomme ba phuthego.

Kopo e e dirilwe ke mohumagadi wa mothusa mookamela  kereke  ya The Christian Holy Spirit Church in Zion,  Mme Susan Chilliwa mo pulong ya kereke eo kwa Tsabong bosheng.

A re go dira jalo ga go a siama  gonne go  felela go thuba diphuthego tse di farologaneng. Mme Chiliwa o gwetlhile  baruti go ruta batho lefoko la Modimo ka tlhwaafalo le boammaruri go na le go ba gogela mo ditirong  tse di bosula  tse di ka felelang di ba diga  seriti.

O tsweletse a gakolola  baruti go nna sekao mo diphuthegong le mo setshabeng  ka go sa tseneng  mo go tsa marato mo dikerekeng  le bakereki  ka bone,  mme  ba tlotle  lefoko  la  Modimo. Fa a tlhalosa ka  tshimologo ya kereke eo, mothusa mookamela kereke eo, Rre Adam Chiliwa o supile fa e simolodisitswe  ke borre ba le bane  ba ba  neng ba tlholega  kwa Zimbabwe, ba ba sa tlholeng ba le mo botshelong.

O tsweletse a tlhalosa gore borre  bao ba ne ba gwetlhilwe   ke go bona matshelo a batho  a tlhakatlhakane, a le mo diphatseng e bile batho ba  tlhasetswe ke malwetse a a sa alafesegeng. A re gape batho ba ne ba tshelela fela mo letshogong  ka go ne go na le dintwa le borukutlhi  jo bontsi  ga mmogo le  kgethololo ya  letso le mmala kwa moepong  ya Afrika Borwa.

O supile fa kereke eo e ne ya anama le lefatshe mme mo Botswana e simolodisitswe ka 1961 fa kwa Kgalagadi kwa Tsabong e simolodisitswe ka  1989  ke Rre Phuthego Mereyabone  le Rre Adam Chiliwa, ba e leng bathusa mookamela kereke eo mo nakong ya gompieno. A  re kereke  e setse e godile e bile e aname  le mafelo a mangwe mo kgaolong ya Kgalagadi.

Modulasetilo wa Khansele ya Kgalagadi, Rre France Van Westhuizen,  yo e neng e  le sebui sa tlotla,  o ne a supa fa go na le dikereke  di  le dintsi  tsa semowa  tse di kerekelang  mo malwapeng  mme a di kgothatsa go tsaya malebela mo kerekeng  ya The Christian Holy Sprit Church in  Zion ka go nna le ditsha tse di beilweng sentle ka fa molaong  ke  makgotla a kabo ditsha.

O ne a gakolola dikereke tsotlhe tse di sa ikwadisang  ka fa molaong go dira jalo gore di bereke ka fa tsamaisong  ya molao  wa  makgotla  a kwadiso ya dikereke le mekgatlho  mo Botswana.

Rre Van Der Westhuizen  o supile  fa dikereke di le botlhokwa  ka di  rera lefoko la Modimo, di  aga motho,  di fodisa malwetse, di sidila maikutlo le gone go patagana le puso le makgotla a a ikemetseng  ka  nosi  go lwantsha  borukutlhi, botlhokatsebe le kanamo ya malwetse.  

O tsweletse a  lebogela  kereke eo go bo e  kgonne go  aga  ntlo ya kereke gape morago ga gore e bo e ne e  sutiseditswe  ditlhabololo.   O  ba  rotloeditse  go nna le popagano, tirisano mmogo le lorato le dikereke tse di ngwe gore e  kgone go gola.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto ene o kgothaditse dikereke go leka ka bojotlhe go rarabolola dikgotlhang mo diphuthegong  tsa tsone, go na le gore di tlogelwe di kekele  mme di felele di phatlalatsa baphuthegi.

A re go dira jalo go  ka thusa thata gore le tsone  dikereke di gole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Pulo semmuso ya kereke

Date : 04 Feb 2014