Breaking News

Seemo sa matlakala se tokafetse

04 Feb 2014

Kgosi Paul Motshwane wa Gerald Estates kwa Francistown o galaleditse khansele ya toropo eo gobo e dira tiro ya go tsaya matlakala ka maatlametlo, ebile a supa fa kgaolwana ya bone ele phepa.

Kgosi Motshwane o buile jalo mo potsolotsong bosheng, morago ga gore mo ngwageng oo fetileng seemo sa matlakala sebo se sa itumedise mo kgaolwaneng eo. A re mo nakong eno kgaolwana eo e phepa ka jaana le matlakala a a bewang mo thoko ga ditsela tse di ralalang motse a tsewa, a tlhalosa fa koloi e e rwalang matlakala e tla beke le beke.

Kgosi Motshwane o tsweletse  ka go kgothatsa banni go somarela kgotsa go baya matlakala mo malwapeng  a bone ka dipolaseteke fa ba sa ntse ba letile koloi ya matlakala go tla go a thotha, gore a seka  a phatlaladiwa ke phefo kgotsa diruiwa di akaretsa dintsa le ditonki.

Fa a tswa la gagwe moanamisa-mafoko wa khansele ya toropo ya Francistown, Rre Joseph Wasubera, a re ba tlhaelelwa ke dikoloi tse di tsayang matlakala. O boletse fa ba dirisa dikoloi di le tharo fela go tsaya matlakala go ralala toropo.

O tsweletse a tlhalosa fa badiridi ba khansele ba ba tsayang matlakala ba bereka bosigo le motshegare, ba theogela ka go fapaana go fefosa tiro. Rre Wasubera a re fa motho mongwe a ya go latlhela matlakala kwa lehuting la matlakala go na le dituelo tse a di lopiwang go duelela matlakala ao.

A re fa koloi e tsena kwa lehuting e a kalwa pele ga e tsholola matlakala, mme e kalwe gape e sena go tsholola. Ka jalo, a re go ntshiwa bokete jwa koloi e sa rwala mo boketeng jwa koloi e rwele, gore go duelelwe matlakala fela, a tlhalosa fa koloi e sa kgethe.

O ne a tlhalosa gore matlakala a tlhoka go tshwarwa sentle ka a le borai mo matshelong a batho. A re a tshwanetse go tsewa  ka koloi e sireleditsweng, kana batho ba dirise dikoloi tse di nang le diteseletso tsa go tsa ya matlakala. O tsweletse ka go rotloetsa setshaba gore ga ba ya go latlha matlakala ba a farologanye ka a sa tshwane, a tlhalosa le fa kwa a latlhelwang teng a farologanngwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 04 Feb 2014