Breaking News

Ba Mmabi ba batla bogosi

04 Feb 2014

E rile bosheng ba kgotla ya Mmabi kwa Serowe ba  rolela morafe wa Radisele, Rre Enock Keerate go nna kgosi ya bone.

Fa ba rola Kgosi Keerate,  mongwe wa bo rangwanaa kgosi,  Rre Lerama Wale o ne a bolela fa  ba tsiseditse  morafe wa Radisele kgosi, ka yo o neng a ntse a mo tshwareletse ebong  Kgosi Bogosi Manale  a sa tlhole a le mo botshelong.

Le fa go ntse jalo Rre Lekhutile Shalobane , ene o ne a supa  fa bogosi  jwa  Mmabi  bona  le mong wa jone yo aleng mo setilong kwa Serowe mo kgotleng.  Morafe o ne wa  felela o  supa lekoko le le neng le eteletswe pele ke borangwanaagwe Kgosi  Keerate  ka monwana ba re ga ba a latedisa kgang sentle.

Mothusa kgosi ya Radisele, Rre Mokeresete Ntebele  le ene o ne  a tlhalosetsa  phuthego gore  fela jaaka mafelo a mangwe a eneng e le meraka le masimo  a ne a tlogelwa ke morafe o o neng o le foo lantlha, Radisele ke lengwe la mafelo ao.

Rre Ntebele a re Radisele e simologile e le masimo, mme jaaka mafelo a mangwe a lefatshe leno a godisiwa go nna motse,  mme ba itlhophela kgosi, leina la ga moswi Bogosi Manale la fenya a tsaya setilo, se le mo nakong  eno bayang go se dira  e le batho ba Radisele.

Fa morafe o latlhela la one,  Rre Mojaboswa Jabeng  o supile fa ba tlhaloganya  gore lefatshe ke la ba  ga Mmabi, mme bogosi e se ja bone ,  mme a  kopa gore ba fiwe sebaka go itlhophela kgosi fela jaaka moswi Manale a  ne a  tlhophilwe.

Rre Jack Leepile ene o ne a re,ba ga  Mmabi ba boele kwa morago,  go itsaya motlhala  sentle gonne  sedibeng  go iwa ka tsela. Fa  Mme Motlhamongwe Motsumi  ene a rile, bone e le morafe wa  Radisele ba ne ba tlhophile moswi Manale  ka e ne e le motho yo o  boikobo, a wetse maikutlo e bile a rata batho, e seng  ka gore ke wa ga Mmabi. O boletse gore “bogosi jwa Radisele ke ja tlhopho ga bo jewe boswa”.

Bontsi  bone bo ngongorega e bile jwa botsa gore mo nakong yotlhe go simolola  ka 1955 fa  batho ba thibelela mo Radisele, e santse e le ditakana go fitlhelela a gola e nna motse boragwaneago Keerate ba ntse ba le fa kae.

E ne e rile go le pele Kgosi Omphile Motsokono wa kgotla ya Basimane a supa fa kgang eo a e fetiseditse kwa bogosing jwa Mmangwato  go ya go rolela Kgosi Raditanka Ntebele,  mme  ga dirwa thulaganyo ya go tla go e kopanela le morafe wa Radisele. 

Kgosi Masego Olebile yo o neng a eme boemong  jwa ga Kgosi Sediegeng Kgamane, o ne a re motse wa Radisele ga ona ditso tsa bogosi  ka o agilwe ka merafe e e farologaneng, mme a lebogela tlhaloso e morafe o e beileng kgotla pele.

A re dingwaga tse Kgosi Manale a busitseng ka tsone di supa sentle gore gone go rena kagiso, ba ga  Mmabi ba ntse ba le teng mme ba sena epe ngongorego  ka  bogosi kana go supa ka fa ba amanang ka teng le jone.

Mme sehularong sa ga  Kgosi Manale yo e neng e le setlogolo sa ga Mmabi, ke gone  ba  ga Mmabi ba ntshang tlhogo. O ne a re o tla a busetsa  karabo  kwa go yo o neng a mo romile.

Mo nakong  eno morafe wa Radisele  one, o setse o isitse leina la motho yo ba mo tlhophileng mo kgotleng go ka ba tshwarela  kgotla, ba emetse phetolo go tswa kwa pusong, mme ba supa  fa leina la gagwe leka amogelwe ba tla a bo ba  tswelela ka go tlhoma kgosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Go rolwa ga kgosi

Date : 04 Feb 2014