Banana ba tlamega go ipelega
04 Feb 2014
Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu o rotloeditse banana go itshimololela dikgwebo mo malwapeng a bone le gone go dira dikoporase.
E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Tumasera/Seleka, Tona a supa fa nako e tsile ya gore banana ba fetole go akanya fa dikoporase e le dikgwebo tsa bagolo ka le bone ba ka itshetsa ka tsone.
A re puso e supile dikgwebo dingwe tse di ka simololelwang mo malwapeng ka jaana e ne e lemogile gore dikgwebo tse di sha di na le bothata jwa go duela madi a khiriso mme di felele di ole. Mme Makgato-Malesu o tlhalositse gore dikgwebo ka bontsi tse di tsweletseng pele di simolotswe mo malwapeng jaaka kgwebo ya nama ya koko ya Kentucy Fried Chicken.
A re fa kgwebo e ntse e gola e tla a pateletsa mong wa yone go batla lefelo le le phuthologileng. Fa a ama tsa dikoporase, Tona o supile gore go botlhokwa gore maloko a itse go bala le go kwala fa ba batla go tsamaisa koporase, a tlhalosa gore dipatlisiso di supile fa letlhoko le la kitso, e le lone le dirileng gore dikoporase ka bontsi di phutlhame ka maloko a ne a jelwa madi fela a sa lemoge.
O tsweletse a re dikoporase e kile ya bo e le tsone di tshwereng matshelo a Batswana mme bogagapa ke jone bo di bolaileng. O tlhalositse gore puso e tlile ka ditsela tse di sha go tsosolosa dikoporase e bile gona le lefelo la maemo a ntlha kwa maloko a rutwang mahala teng go tsamaisa kgwebo ya koporase.
Mme Makgato-Malesu o gwetlhile banana gore batle ka maano le dikgwebo tse di sha gore ba kgone go itshetsa, a re ba seka ba akanya ka dikgwebo tsa mabentlele le dimausu hela.
Banni ba ne ba iteela mafoko a ga Tona legofi mme ba tlhalosa fa ba tlaa iteka. Ba kopile Tona gore a ba thuse ka fa ba ka itshetsang ka teng ka magapu ka gore kgaolo ya bone e ratwa ke temo ya magapu fela thata mme gantsi a felela a senyega.
Mo go tse dingwe ba supile fa ba sa itumedisiwa ke maduo a a sa tswang go tswa a mophato wa lekwalo la boraro mme ba tlhalosa gore bothata bo tswa kwa dikolong tse di potlana ka gore bana ba fetisiwa mophato wa bosupa ba sa dira sentle mme seo se ba thatafaletse dilo go ya kwa pele.
Ba supile gape gore kgang ya gore bana ba dikole tse dipotlana ba bo ba fapaanelwa ke barutabana ngwaga le ngwaga fa ba tsena mo mephatong o mosha ga e a siama ka jaana ga e fe bana le morutabana go ithutana go kgona gore ba bereke botoka, ka jalo dithuto tsa bana di wela tlase ka ba bangwe ba le bonya go tshwara.
Ba buile gape ba supa fa modumo o o tswang mo madirelong a majalwa a tshwana le dibara le one o na le seabe mo maduong a a bokoa ka jaana ba re modumo oo, o itaya bana tsebe fa ba tshwanetse go ithuta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Feb 2014






