Breaking News

Ba Makwate le Shakawe ba tlaa bilediwa morero

03 Feb 2014

Tona wa ditsela, dipalamo  le ditlhaeletsano,  Rre Nonofo  Molefhi  a re banni ba Shakwe le Makwate mo kgaolong potlana ya Mahalapye ba tlaa kopanngwa go nna le morero mabapi le fa tsela go ya Parr’s Halt e tlaa tswang teng.

O buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Shakwe bosheng. Banni  ba Shakwe ba re  tsela go ya kwa molelwaneng  wa Parr’s Halt e tshwanetse go simologa mo motseng wa bone e ralala Makwate.

E ne e rile pele tona a buisa phuthego kwa Makwate, a tlhalosetsa banni fa puso e batla tsela eo  e tswa mo go e e leng  teng, go kopana le ya Mahalapye kwa ba tsayang ditlamelo teng. Fa  a arabela kopo eo, Tona Molefhi o ne a re, maikaelelo a puso a tlhomame ka nako tsotlhe e seng go lomeletsa ope motse.

A re mogopo o puso e kokotleletsang mo go one o esi,  ka jalo o tshwanetse o tsewe sentle gore o lekane Batswana  ba ba ka tswang ba eletsa ditlhabololo.

A re  borara jwa metse eo ka bobedi bo tshwanetse jwa  kopanela  morero  wa gore  mogang tsela  eo e tshelwang  sekontere, a e  simolola kwa Shakwe kgotsa kwa  tseleng ya Machaneng/ Mahalapye.  Rre Molefhi a re go tlaa lebelelwa mabaka otlhe mme a fokotsang ditlhwatlhwa a tlaa sekegelwa tsebe.  

Tona o ne a tlhalosa fa puso e sa ipate ka mabaka ape fela go dira ditlhabololo tse  Batswana ba di eletsang, a tlatsa ka  gore bonnyennyane  jwa  meamuso  bo tshwanetse  jwa   dirisiwa sentle.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Feb 2014