Breaking News

Bana ba tlhoka bokaedi jwa batsadi

03 Feb 2014

Batsadi ba gwetlhilwe go tlhagafalela kgalemo ya bana go bopa bokamoso jwa bone.

Kgothatso e, e dirilwe ke tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi mo phuthegong ya kgotla kwa Mookane mo kgaolong ya Legare bosheng. Rre Molefhi a re batsadi ga ba a tshwanela go lesa bana ba ba tswa ka phatlha tsa menwana ka bokamoso jwa bana bo le mo maruding a bone.

O tlhalositse fa palamente e ntshitse molao o o neng o ntshafatsa molao wa 1981 wa tlhokomelo ya bana. Molao o wa tlhokomelo ya bana o laola gore fa ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi a gana kgalemo ya motsadi, o ka ya kwa ofising ya boipelego go tlalea ngwana yoo, go supa fa ene a dirile maiteko a gagwe otlhe.

Tona Molefhi a re ba boipelego ba ka tsisa ngwana yo fa pele ga lekgotla kana kwa ga mmakaseterata go ka kgalengwa. O ne a tlhalosa gore motsadi le ene o ka otlhaelwa go tlhoka go dira maiteko a go kgalema ngwana kgotsa a sa begele mmaboipelego fa maiteko  a gagwe a sa tswa tema.

“Fa a paletse kgalemo ya gago o bo o sa mo neele molao, re tsaya gore wena o le motsadi o itlhokomolosa boikarabelo jwa gago,” Rre Molefhi a tlhalosa. A re go botlhokwa go pataganela kgalemo ya bana le barutabana mme fa ba pala ba fetisediwe kwa go bommaboipelego.

“Molao o teng re ka o dirisa go re thusa go aga tshaba.”

O ne a tlatsa ka go re molao o gape o neela batsadi boikarabelo jwa go begela ba molao fa ba bona yo o bapileng le bone a itlhokomolosa tlhokomelo ya bana. Rre Molefhi, yo e bileng e le mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba, a re kwa kgaolong ya gagwe go na le dikgang tsa boimana jwa bana ba ba kwa dikoleng tse dipotlana le tse dikgolwane, e bile batsadi bangwe ba seka tebang le tsone dikgang tse.

Bangwe ba batsadi ba, ke ba ba bipang mpa ka mabele.

“Fa re sa otlhae batho ba, bokamoso jwa bana ba ke eng. Re le batsadi, re tshwanetse ra tsaya dikgato tse di maleba go sireletsa bana ba rona,” Tona Molefhi a tlhalosa. Rre Molefhi o ne a tsibogela matshwenyego a a neng a supiwa ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mookane, Rre Ditshegetso Pakwa. Rre Pakwa o ne a supile fa go na le bana bangwe kwa sekoleng se segolwane sa Mookane ba ba itirileng botlhogonkopa, ba botho jwa bone bo sa eletsegeng gotlhelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Feb 2014