Siele o gwetlha Basubiya go tsaya tshwetso
03 Feb 2014
Morafe wa Basubiya o gakolotswe go itlhophela kgosikgolo go na le go baya mo pusong go ba tseela tshwetso.
Tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Peter Siele o kopile jalo mo phuthegong ya gagwe lwa tekodiso ya bogosi jwa morafe wa Basubiya kwa Kasane bosheng. Tona Siele o tlhalositse fa kgang e e tswa kgakala e bile go nnile le dikwalo tse dintsi gare ga beng ba kgang ebong Kgosi Johane Chika wa Parakarungu le Kgosi Maiba Sinvula wa Kavimba, ba ba lwelang bogosi jwa Basubiya.
O boletse fa bobedi jo, bo ne jwa rotloediwa go buisana go wetsa kgang. Tona o tlhalositse fa a setse a kile a tla go kopana le bagogi ba kgaolo mme ba seka ba wetsa kgang mo dipuisanong tseo. O tlhalositse fa ka go simolola Lwetse a tlhola lesome le borobabobedi go ya kwa go a tlhola masome a mabedi le bobedi ngwagatlola, a ne a tshotlha kgang e le banni ba kgaolo ya Chobe a bo a tsaya megopolo mo go bone.
O tlhalositse gore o ne a ba a ikgolaganya le puso ya Namibia kwa Caprivi kwa go nnang Basubiya ba bangwe gore kgosi wa bone a thuse go rarabolola kgang ka ditso tsa morafe wa Basubiya mo Botswana. Tona o ne a bolela fa bontsi jwa morafe bo ne bo supa fa ba dumela gore Rre Sinvula ke ene a tshwanetsweng ke bogosi, a supa fa se, e se maikutlo a puso.
O boletse gore o lerile mafoko a tshoboko ya kgang ya bone e go supagetseng fa ba re Rre Sinvula ke ene kgosi mme ka go dira jalo a ba roma gore ba ye go tsaya tshwetso. E rile go mo kgwa dikgaba, Rre Johane Chika a re o dumela fa e le ene kgosi ya nnete, a bolela fa a itemogetse gore o ka re bogosi bo tlaa ya kwa polotiking.
Rre Maiba Sinvula ene o ne a tlhalosa gore batho ba ba mo itseng botoka ke morafe wa gagwe. Kgosi Richard Mbanga wa Mabele ene o ne a tlhalosa fa kgang e ka seke e wele sentle ka gore makgamu a mabedi a farologane ka megopolo. Fa a fetola Rre Siele, o ne a gatelela gore ga a boele morago kwa ditsong tsa morafe mme o batla go nna le tswelelopele mo kgannyeng e.
O ne a ba papamaletsa gore fa ba sa tlhophe kgosi e tlaa bo e le molato wa morafe e seng wa puso. Rre Siele gape o ba gakolotse gore ba boele kwa morago kwa ba latlhileng tsela teng ba itshekatsheke. Fa a akgela, Mopalamente Gibson Nshimwe o ne a bolela fa mo go ene kgang e wetse, a bo a akgolela Rre Siele gore ke ene fela tona yo o dirileng sengwe ka kgang e.
Modulasetilo wa khansele ya Chobe, Rre Mwanota Kachana ene o ne a kopa morafe go sireletsa seriti le kagiso tsa lefatshe la Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ludo Chube
Location : KASANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2014






