Breaking News

Se monate se ingwaelwa

03 Feb 2014

Banana ba Serowe le metse e e mabapi ba gakolotswe go nna le boikarabelo.

Mafoko a, a builwe ke moemedi wa banana wa lekgotla le le ikemetseng ka nosi la ditlhopho la IEC, Rre Ofentse John, fa a ne a buisa banana kwa letsholong la go fokotsa dino, le rulagantswe ke lephata la botsogo.

Rre John o boleletse banana gore ka e le bone isago ya lefatshe leno, ke bone ba tshwanetseng go bona gore ba dira dilo ka fa tshwanelong.

A re banana ba saletse morago mo mererong ya go tlhabolola matshelo a bone le gone go tlhopha tota. O ne a tlhalosa gore ke bone fela ba ka bonang gore ba a tlhopha mme ba tsenya puso e e elediwng ke bone mo setilong gore matshelo a bone a tle a tokafale.

A re go le gantsi banana ba iphitlha ka monwana, ga ba tswele kwa ntle go tsaya boiakarabelo mme fa ba tswa fa ba supa bagolo ka menwana. Rre John a re ikwadisetso ditlhopho ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe yo o nang le dingwaga di le lesome le boferabobedi go ya kwa godimo e bile a na le karata ya Omang yo o mo tirisong.

O kopile banana go dirisa sebaka sa poeletso ikwadisetso ditlhopho, a tlhalosa fa e le yone nako ya go ikemela ka dinao, gore ba tle ba tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo. Mo go tse dingwe, Rre John o ne a kopa banana ka ene go emisa nnotagi gore ba tle ba kgone go tsaya disthwetso tse di maleba.

A re ditshekatsheko di supile fa banana ba le bantsi ba ikaegile thata ka nnotagi mme ba felele ba tsenwa ke malwetse kgotsa ba le kwa dikgolegelong. Letsholo leo la twantsho dino le ne le tsenwe ke maphata ka go farologana mme botlhe ba gakolola banana go tsaya kgato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya IEC le banana

Date : 03 Feb 2014