Breaking News

Bayeyi ba dumela go ikemela

03 Feb 2014

Bayeyi ba Kachikau ba dumalane le mogopolo wa gore ba nne morafe o o ikemetseng ka nosi e bile o lemogwa ke molao-motheo wa Botswana.

Se se dumalanwe kwa phuthegong ya patlo-maikutlo e e neng e tshwerwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele bosheng. Rre Siele o ne a tlhalosetsa morafe fa a setse a tshwere diphuthego le Bayeyi ba bangwe ba ba anameng le lefatshe la Botswana go batla maikutlo a bone ka kgang e, a tlatsa ka go re go lebega le bone ba dumalana le mogopolo.

Rre Siele o tlhalositse fa tshwetso e e tshwanang le e e tsaya lebaka go sobolokwa ka a tshwanetse go tsaya megopolo ya botlhe ba ba amegang. O tlhalositse fa a tshwanetse go tsaya tshwetso e a setse morago ditso le tlholego ya Bayeyi.

“Puisanyo e ke yone ya bofelo mo patlo- maikutlong ka kgang e,” Rre Siele a tlhalosa. Mme morago ga moo, o tlhalositse fa jaanong ba molao le bagakolodi ba tlaa e sekaseka.

E rile ba akgela, banni ba Kachikau ba ne ba supa fa ba amogela kgang e ka tsoo-pedi. Rre Rebatho Selelo o ne a dumalana le mogopolo wa go lemoga morafe wa Bayeyi e le morafe o o ikemetseng e bile o na le kgosi.

Monni yo mongwe, Mme Itshokeng Mosweu le ene o ne a tlhalosa fa go se molato go batla kgotla le go batla go lemogwa e le morafe ka ba sa lwantshe ope. “Ga re senke kgosi, re senka go itsewe gore re teng mono,” Mme Mosweu a tlhalosa. Bangwe ba ne ba supa fa mogopolo o, o ka tsisa semorafe mo motseng wa Kachikau.

“A le rona re le Hambukushu re tlaa ipatela kgotla le kgosi?” Rre Shenka Sakoneng o ne a akgela jaana. Mme Sikamunga Maswabi ene o ne a gatelela fa bontsi jwa batho ba kgaolo ya Chobe bophirima e le Bayeyi e bile puso e ba diegela ka kgang e.

“Jaaka fa o tlhalositse gore kgang e e tswa kgakala e bile botona ba le mmalwa ba setse ba dule mo setilong ba e tlogela, gongwe le wena o tsile go tsamaya o e tlogela e sa fela,” a lebisa mafoko a gagwe kwa go Tona Siele. Rre Oaboloka Mologasele ene a ba a sa itumelele gore ga ba a ka ba rerisiwa ka phuthego e nako e sale teng.

Rre Darkie Sethare ene o ne a bolela fa mongwe le mongwe mo Kachikau e le Moyeyi mme ba le kwa tlase ga bongwe mo lekgolong e ka nna Batawana. “Re ntse re gateletswe, gore re bo re se na kgotla kwano ke kgatelelo,” a tlhalosa. O tlhalositse fa ba sa lelele gore ba busiwa ke Batawana, mme fela le bone ba batla kgosi ya bone ya Moyeyi.

O ne a oketsa ka go re ba ’bete se molangwana ka bogosi jwa Kachikau ka bo sa buse sentle e bile go na le dikgogakgogano. Rre Baemedi Mologasele ene o ne a ganetsa mafoko a ga Rre Darkie Sethare, a re Batawana ba bantsi. “Ka Darkie ga a bereke le tsa dipalo, 0.01 per cent o mo tsaya kae ka ga se moitseanape wa dipalo.
Batawana ba bantsi thata mo Kachikau,” a akgela ka go rialo.

Go ne go supega fa morafe wa Bayeyi o dumalana le kgang e ka bontsi e bile ba supa fa Kgosi Mmualefhe Mmualefhe a ba tsaya ka letsogo la molema. Batawana ba motse o bone ba ne ba supa fa se e se nnete mme ba sa ganane le gore Bayeyi ba simolole go lemogwa e le morafe ka bo one.

Rre Siele o ne a fetola ka go re go tla ga gagwe mo Kachikau e ne e se go kgopisa ope kgotsa go gataka ditshwanelo tsa ga ope, a supa fa ba sa bolo go kwala mokwalo Sedimonthole a le lesome le boraro, ba kwalela bogogi jwa kgaolo, ba kopa phuthego mme go lebega kitsiso e sa tsamaya ka tshwanelo.

Ka kgang ya go sa jesiweng diwelang ke bogogi, Rre Siele o ne a re o a bona fa phefo e tsene fa gare ga bone mme e tlaa rarabololwa ke bogogi jwa kgaolo pele ga a ka e rolelwa.

Mopalamente Gibson Nshimwe, o gakolotse boeteledipele gore ba tlotlane fa pele ga setshaba se ba se eteletseng pele ka ba tlhophilwe ke sone setshaba seo. O ne a digela ka go re Basubiya le Bayeyi ke batho ba le bangwe fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ludo Chube

Location : KASANE

Event : Phuthego ya patlo-maikutlo

Date : 03 Feb 2014