Lenyora le tlhakaladitse kwa Sexaxa
03 Feb 2014
Banni ba Sexaxa mo kgaolong ya Nhabe ba lela ka lenyora e bile ba re ba setse ba tsere tshwetso ya go nwa metsi a a sa tlhatswiwang a noka ya Thamalakane.
Ba ntshitse ngongora eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mokhanselara Tapoloso Mosika bosheng. Bangwe ba bolela fa go le borai thata go ga metsi kwa nokeng ka a setse a kgoberegile, jalo ba pagama mokoro o ba reng o kile wa batla go ba digela mo nokeng, gore ba bone a a botokanyana fa gare. Ba tsweletse ba re go borai gape ka noka eo e na le dikwena le dikubu.
Ba supile gore fa e sale go tswa ga lephata la metsi go tsena koporase ya Water utilities, seemo sa metsi mo motseng se befile.
Ba re ba ipotsa gore ka ba ise ba nwe metsi a Water Utilities, fa go twe ba a kolota tota ba tlaa bo ba duela eng, e bile ba re ba utlwa botlhoko gore Water affairs e bo e tsamaile. Mongwe wa banni ba motse, Mme Mozingi Moagi o ne a akgolela ba lephata la botsogo ba ba tshelang melemo mo matlong go bo ba dirisa molemo o o sa takeng lokotswana e bile o se bogale jaaka wa pele.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Matlapana, Rre Ihuuraa Tjitjoo ene o boletse fa a na le bothata le batsadi ba ba bayang bana kwa merakeng ba ba rontsha sebaka sa go tsena sekole ka nako. A re batsadi ba baya bana go fitlhelela ba nna dingwaga tse di lesome le bobedi e bo e le gone ba ba tsisang sekoleng.
A re go dira jalo ke molato e bile go ka dira gore ngwana a gole a itse gore ene tiro ya gagwe ke go disa fela. O rotloeditse batsadi go emela thuto ya bana ka dinao go na le go e diegela. O tlhalositse gape fa go na le batsadi ba ba kgonang go nna le bana ba lofile sekole mme a supa fa molao wa thuto o tlhalosa gore fa ngwana a sa bonale kwa sekoleng malatsi a a masome mabedi le bongwe o tshwanetse go ntshiwa ka go sa itsewe kwa a teng.
A re fa ngwana a sa tsoga sentle, motsadi o tshwanetse a tsaya boikarabelo jwa go itsese barutabana gore ngwana wa go nna jalo a seka a nna le mathata a go latlhegelwa ke phatlha. Le fa go ntse jalo, Rre Tjitjoo o akgotse batsadi ba Sexaxa ka go kgothatsa bana go tsena sekole kwa Matlapaneng le ntswa ba tsamaya dikhilomithara di boro babongwe go ya koo.
E ne e rile go le pele, Mokhanselara Mosika a ba itsese ka botlalo ka tiro ya mokhanselara le tse ba di buileng mo phuthegong e e fetileng ya khansele gammogo le go tsaya megopolo go e isa kwa khanseleng e e tlang. O ne gape a ba tlhalosetsa gore e re le ntswa ba bonye bangwe ba ba neng ba kaile fa ba ka ba thusa ka go ba agela matlo a borutelo a mabedi, khansele ga e a amogela thuso eo, e bolela fa go tlhaela dilo dingwe jaaka maapeelo, matlwana a boitiketso le a boroko jwa barutabana.
A re o gakgamala thata ka jaana ene a bona gore ke mpho ya botlhokwa ka jaana bana, segolo jang ba bannye ba ne ba tlaa emisa go tsamaya sekgele se seleele ba ya Matlapaneng. Mokhanselara o ne gape a ba itsese fa puso e tshwenyegile ka dipalo tse di golelang pele tsa batlhoki mo lefatsheng leno, le gore ba tshwanetse go batla ditsela tsa go di fokotsa.
O kopile batsadi go bula matlo a bone ka nako ya fa go tshelwa molemo o o bolayang monang, a re ke tsela nngwe ya go fokotsa bolwetse jwa letshoroma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2014






