Ba gakololwa go potlakela diji
03 Feb 2014
Balemi ba masimo a Radisele le Makoro mo kgaolong ya Legare ba kopilwe go begela balemisi ka diji di tshwana dinonyane, setotojane le sebokwana gore di lwantshiwe di ise di dire tshenyo e e feteletseng.
Kopo e, e dirilwe ke Molemisi wa kgaolo eo, Rre Galefele Tautona mo puisanong le BOPA bosheng. Rre Tautona o rile le fa ba ise ba tlhomamise gore nonyane ya thaga e ka tswa e thibeletse mo mafelong a fe, gone dipego di bolela fa e utlwalelwa kwa merakeng ya Sukunya le kwa letamong la Chekanyane.
O boleletse BOPA fa badiri ba lekalana le le lebaganeng le go lwantsha diji mo lephateng la temo-thuo ba ipaakantse ka dinako tsotlhe go lwantsha diji di tshwana le dinonyane le tsie.
Rre Tautona o tsweletse ka go tlhalosa fa balemi ba kgaolo ya Radisele le Makoro ba lemile ditema di le 371.76 fa e sale letsema le bulelwa ngogola.
A re mo ditemeng tseo, di le 243.88 di lemilwe kwa Radisele fa tse 127.88 di lemilwe kwa Makoro.
A re e re ka batho ba ne ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa temo jaaka diterekere le dipolantere, bangwe ba ne ba retelelwa ke go lema ka ditselana le go dirisa menontshane ka ba ne ba tshaba go tlogelwa ke bokgola. O kgothaditse botlhe ba ba sa lemang ka ditselana ga mmogo le beng ba diterekere go ipaakanyetsa letsema le le tlang ka go rekela ruri didirisiwa tsa temo le go agelela masimo go hema go siiwa ke bokgola le go senyediwa ke loruo.
Rre Tautona a re le fa puso e tsere tshwetso ya go tswelela e thusa balemi ba ba sa lemeng ka ditselana, gone mo ngwageng o tlang puso ga e na go thusa ope yo o sa ikemisetseng go lema ka ditselana ka jaana go gasa go se na thobo e e nametsang. A re balemi bangwe ba setse ba le gaufi le go leta ka jaana dijalo tsa bone di setse di hupile fa tse dingwe di tsetse kana di ntshitse diako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 03 Feb 2014






