Wa o esi ga o ele
03 Feb 2014
Balemi ba masimo a Setatse mo kgaolong ya Palapye ba gakolotswe go ipopa ditlhopha gore ba kgone go ikinola mo lehumeng le go ipelega go na le go baya fela mo pusong.
Se se builwe ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya mo phuthegong ya kgotla kwa masimong ao, morago ga go ba lekodisa ka tse ba ka di dirang go itshetsa, jaaka go rekisa phane ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma, fela jaaka bomme ba ba dirang semoto sa borotho ba Palapye.
A re sengwe gape se ba tshwanetseng go se dira ke go kwadisa temo ya bone, le gore morago ga go roba ba itsese molemisi ka di-tswa temong tse ba di boneng ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD. A re seo se ka thusa puso go kanoka maduo a lenaneo leo sentle.
O ne gape a re e re morago ga temo mongwe le mongwe a ntshe kgetsi ya mmidi, mabele, dinawa le manoko di rekisediwe BAMB, ba tle baa reke ege go na le go hirisa diege. A re le bone e ka re morago ga temo ba e hirisetsa batho ba e direla madi a a ka e baakanyang fa e senyegile.
Rre Goya a re joo ke jone boipelego jo puso e bo batlang. A re kgang ya loruo lolo senyang mo masimo e ka fedisiwa ka go agelela masimo a bone otlhe ka fa tlase ga lenaneo la cluster fencing. A re monate wa lone ke gore fa ba agelela puso e ya go ba duelela go itirela terata eo e bo e ba epele le sediba tota.
Sengwe gape se a neng a re ba ka se dira ke go ipopa ba ithekela motshine o o silang lotlhaka, mme ya re morago ga thobo ba o amogana ba silela loruo lwa bone.
E rile a akgela, Rre Boitumelo Tshotlego a re dituelo tsa temo di a diega, a bo a re dipaka di fetogile, paka ya go bolodiwa ga letsema le yone go fetolelwe kwa go bo Lwetse, e seng Phalane jaaka e le tlwaelo.
A re a puso e busetse makidi a mo malapeng, a re lenaneo leo le ne le thusa batho go dika mo masimo ba sa kojwe ke lenyora. A re makidi ao a kgona le gone go siela dihutshane le ditonki metsi. Rre Tshotlego a re puso e fe balemi sebaka sa go duela ka go kgaoganya seabe sa bone sa madi a terata ya masimo ka e se botlhe ba ba ka kgonang go a ntsha gangwe fela.
Rre Joshua Ramatshotshoba ene one are a puso e thuse, batho ba beile ma Zimbabwe mo malapeng a bone ba ba tseneng e se ka fa molaong.
Mme Martha Seshoba one a rotlowetsa balemi ka ene go lema ka ditselana are go bogadi bo gaufi, le gone gore a ba ise mmu wa masimo a bone kwa ga molemisi goya go tlhatlhojwa gore ba fiwe menontshane e e tshwanetseng mmu ya bone. Phelelo.
Erile a ba kgwa dikgaba Rre Goya are ke bone ba diegang go kwadisa masimo morago gat e mo, o ne gape are ma Zimbabwe fa a isiwa ga bone ka koloi ya puso maina a bone a a kwalwa fa b aka boa go bo go lemogwa gore motho yoo ke yo o neng a isitswe o tseelwa dikgato ao a sekisiwa a bo a atlholwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2014






