Ba Makwate ba ikopela tsela
03 Feb 2014
Banni ba Makwate mo kgaolong ya Mahalapye bophirima ba kopile tsela go tswa mo sekontereng sa Machaneng go ya Parr’s Halt.
Fa a amogela tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi bosheng, Kgosi Lefatho Lesenyamotse o ne a re ga ba na tsela epe e e botoka e e ba golaganyang le metse e mabapi. Kgosi Lesenyamotse a re gore ba ye gope fela kwa ba kopang ditlamelo teng, go nna mahutsana bakeng la ditsela tse di dikhutikhuti ka go se na epe e e tshetsweng sekontere.
A re balwetse le bone ba tlhotlhorwa ke bolwetse bakeng la tsela e e sa jeseng diwelang e. Go ya ka Kgosi Lesenyamotse, letlhoko la ditsela le ba paledisa go akola ditlhabololo jaaka Batswana ba dikgaolo tse dingwe. A re e sale ba solofeditswe tsela mo dingwageng tse di fetileng mme nako kgolo ke eno.
Kgosi o ne a kopa gore puso e tseye maikarabelo e ba direle tsela e lese go ipata ka kwelo tlase ya itsholelo. A re mo mafelong a mangwe go dirwa ditlhabololo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mmoloki Molantwa o ne a re tsela ya go tswa mo Makwate ke selabe mo matshelong a bone. O tsweletse a re tsela e emisitse dithuso tsotlhe tsa puso tse di neng di ka ba solegela molemo di tshwana le mananeo a nyeletso lehuma.
A re tsela ya Makwate/Parr’s Halt e tshwanetse e dirwe ka e le diphatsa le mo matshelong a bajanala tota. Rre Bolokanang Sedimo a re go a makatsa gore letlhoko la tsela e ntse ke selelo le mo nakong eno. A re ga go na ditsela ke mesima fela e e tlhotlhorang dikoloi tsa bone mme a kopa gore jaaka e le Batswana a ba nne le go akola meamuso ya puso ka makgetho a bone. Fa a tswa la gagwe, Tona Molefhi o ne a re puso e na le maikarabelo a go tlhokomela ditsela lefatshe leno ka bophara.
O ne a tlhalosa fa bontsi jwa ditsela di tlhokana le go shafadiwa gore di seka tsa tlhotlhorega le go feta. Tona o tsweletse a re kwelo tlase ya itsholelo e amile ditiro dingwe tsa ditlhabololo lefatshe leno lotlhe, a tlatsa ka go re go dirwa ditlhabololo tse di tlaa thusang go tsosa itsholelo di akaretsa metsi le motlakase. Jalo a re bone e le ba ditsela ba tshwanetse ba kotlopisa go fitlhelela itsholelo e tokafala.
Re Molefhi o supile fa go se epe tsela e ntsha e tlaa dirwang, mme a tlhomamisetsa morafe gore tsela e e leng teng e tlaa gopiwa gangwe fela mo dikgweding tse pedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2014






