Dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole di a tshwenya
03 Feb 2014
Go tswa ga bana mo sekoleng ka dipalo tse di kwa godimo, bogolo jang ba motsana wa Shaikarawe go tshwentse barutabana ba kgaolo ya Okavango fela thata.
Se se builwe bosheng ke morutabana wa sekole se sebotlana sa Okavango kwa Gumare, Mme Golebaone Rapebana mo bokopanong jwa badirelapuso le ba mokgatlho wa Women Against Rape (WAR). O boletse fa bontsi jwa basetsana ba motse oo ba dule mo sekoleng.
Mme Rapebana o tlhalositse gore barutabana ba nna ba latela bana mme bana ba boe ba tswe mo sekoleng. E re go ntse jalo, bontsi jwa barutabana kwa bokopanong jo, ba supile gore seemo se le kwa metseng e mengwe se utlwisa botlhoko ka bangwe ba le botlhale.
Barutabana ba supile gore gantsi batsadi ga ba na sepe le thuto ya bana, e bile ga ba tseye karolo gotlhelele mo tlhokomelang ya bone. Ba re nako e tsile ya gore batsadi ba tseelwa dikgato ka seemo mo kgaolong ya Okavango e le se se ngomolang pelo.
Bontsi jwa barutabana ba supile gore bana ba, bogolo jang basetsana, ba setse ba ratana, mo banna ba kgonang go tla kwa sekoleng ba bolela fa ba batla basadi ba bone. Barutabana ba supile gore ke selo modiro mo kgaolong eo gore ba bone monna a tla a palame kara ya ditonki a re o batla mosadi wa gagwe.
Morutabana mongwe kwa sekoleng sa Etsha a re nako nngwe ba bile ba kapa mantswe a rre yo. Bommaboipelego ba kgaolo le bone ba tshwentswe ke seemo se mme ba supile fa gantsi ngwao e baya bana ka fa mosing. Ba kgadile kgang ya gonne e re ngwana a le monnye a bo a agelwa ntlo ya gagwe ba re ke gone go bakang gore bana ba nne le banna ba sa le bannye.
Mo godimo ga moo, ba re go baka gape le tlhakanelo dikobo le bana ba bannye. Mogolwane yo o okametseng baoki mo Okavango, Mme Dintelo Baoki le ene o tlhalositse gore kgang ya ngwao ya go beelela bana ba santse ba le bannye e a ba sotla.
A re bontsi fela fa ba fetsa sekole se sebotlana, ba setse ba ima ba bo ba bewa kwa morakeng go twe ke basadi. O kgadile batsadi ba ba agelang bana matlo a re ke gone mo go okang gore ba felele ba nna le banna ba sale bannye.
Mme Peggie Ramaphane go tswa kwa lekgotleng la WAR o tlhalositse gore maikaelelo a bokopano ke gore badirelapuso le batsayakarolo ba bangwe ba tle ka dikgakololo go bona gore masula a, a a rarabololwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GUMARE
Event : Bokopano jwa badirelapuso le WAR
Date : 03 Feb 2014






