Breaking News

Lore le ojwa le sale metsi

30 Jan 2014

Banni ba metse ya Matolwane le Moremi ba re kwelo tlase ya maduo a lekwalo la Junior Certificate, e bakiwa ke gore bana ba tla ba paletswe ke lekwalo la bosupa ba bo ba fetisediwa kwa sekolong se segolwane, jalo go ntshofale fa ba tsena  kwa dithutong tse di kwa godimo.

Ba supile ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla bosheng, mo dikgotleng tsa bone ka go farologana kwa mopalamente wa bone, Rre Prince Maele a leng mo leetong la kgaolo ya gagwe.

Ba re fa ngwana a palelwa ke dithuto tse di kwa tlase, ga a kake a ya go kgona tse di kwa godimo. Ba tsweletse ba re,  go dirwe gore fa ngwana a sa kgona mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa, a seka a fetisediwa  kwa pele ka o a bo a sa  kgone.  Ba tsweletse ba  re, go botoka ngwana  a boelele lekwalo le le mo paletseng  a tle a kgone go tswelela  pele sentle. 

Barutabana ba dikolo tsa metse eo, ba ne ba kopa batsadi go tshwaraganele bana le bone go tokafatsa  maduo.

Ntswa banni ba motse wa  Moremi  ba ne ba bolelela  Mopalamente gore bana  ba lekwalo la bosupa ba dirile sentle go gaisa mo ngwageng o o fetileng,  ba Matolwane bone  ba lela ka maduo a a wetseng tlase.

E rile ba bua ka ditlhabololo, banni ba motse wa Moremi  ba kopa go tsenyediwa motlakase mo motseng, ka motlakase wa didiba o ralala motse wa bone.

Kwa Matolwane ba ne ba  lebogela go atolosiwa ga  kokelwana ya bone  le gore di ARV di bo di tsewa mo go yone.  Ba re kwa sekolong se se botlana  matlo a masha a a sa tswang go wediwa a  barutabana ke  setlhare fela ka nako tsa dipula,  ga gona matlwana a boitiketso a barutabana  mo sekolong , mo godimo ga moo, ntlo ya boapeelo e  setse e onetse.

Fa a araba, mopalamente,  Rre Maele  o ne a re o tlaa isa dikopo tsa bone kwa go tshwanetseng  teng le yone ya motlakase wa Moremi . O ne a ba lekodisa ka dikgang  tsa kwa palamenteng  tsa melawana e e fetisitsweng  jaaka wa go fetogela  tshwetso ya molao wa lenyalo la tlhakanelo dithoto kana go sa di tlhakaneleng  batho ba ntse ba le mo nyalong.

A re  pele o ne  o sa letlelele banyalani go ka dira jalo fa e se fela ba ka kgaogana pele ba bo ba nyalana sesha go diragatsa molao o ba o batlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Jan 2014