Bogodu jwa leruo bo a tshwenya
30 Jan 2014
Banni ba Tumasera, mo kgaolong ya Tswapong Borwa ba re ba tshwentswe thata ke bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya bone.
Ba ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Temo Thuo, Rre Oreeditse Molebatsi bosheng.
Kgosi ya motse oo Kgosi Kooratelo Maleele o tlhalositse fa magodu ao a sa utswe a tsaya fela, mo a tsayang dikgomo le marole a tsone. A re barui ba setse ba robala kwa masakeng ka gore fa ba tlogela leruo le le nosi, magodu ao ba tla go le tsaya.
O tsweletse a re, se se ngomolang pelo le go feta ke gore, magodu ao ga ba utswele go rua ba utswela go tlhaba mme ba fitlhe nama mo dikupung tse di tona tsa metsi gore ba kgone go tsamaya ka yone go sa lemosege gore ba tsere nama.
Mongwe wa banni ba motse oo , Mme Tshokolo Maleele o supile fa batsadi ba kgona go roma bana ba ba dingwga tse di kwa tlase, ba ba sa sekeng gore ba utswe le go tlhaba diruiwa jaaka dipodi gore ba shabe.
O tlhalosetse fa bogodu bo ka se tlhoke go gola ka dikgetsi tsa bogodu jwa leruo di sa sekiwe. Mme Maleele o ne a supa fa a na le kgetse ya leruo le le saleng le utswilwe ka ngwaga wa 2012 mme e ise e sekwe.
Fa a tsibogela selelo se , mogolwane wa sepodise sa Martins Drift ,Inspector Maimane Phele a re bogodu jo bo dirwa ke bana ba metse o o le metse e e mabapi.
Insector Phele o tlhalositse fa bana bao, ba tswang kwa metseng ya Tumasera, Ngwapa, Sefhare, Moshopha le Mokobeng mme ba ipopile segopa go utswela batho leruo.
O tladitse ka gore segopa seo, se utswela le masika a bone tota. Inspector Phele a re ba a leka go lwantsha borukhutlhi jo e le ba sepodise ,mme go tlhokana le batsadi go tshwaragana le bone go lwantsha bosenyi jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 30 Jan 2014






