Banana ba rotloediwa go ema ka dinao
30 Jan 2014
Banana ba Grootlagte kwa kgaolong ya Ghanzi ba rotloeditswe go tsaya kgato go tokafatsa matshelo a bone.
Se se builwe ke kgosi ya motsana oo, Rre Besa Dabe mo leetong la phuthego ya kgotla e biditswe ke Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Shaw Kgathi bosheng. Rre Dabe a re mo motsaneng wa gagwe, banana ba boitseme go sola mosola mananeo a puso e a ntshetsang banana.
O tlhaloseditse Tona Kgathi fa monana a le mongwe fela mo motsaneng oo e le ene a tsereng lenaneo le, fa botlhe e le ba ba ineetseng Ipelegeng le Nyeletso lehuma.
Kgosi Dabe a re mananeo a Ipelegeng le Nyeletso lehuma ga a tshwanela go tsenelelwa ke banana ka jaana bone ba na le a bone. A re mananeo ao ke a bagolo ba ba sa direng sepe.
Go ya ka kgosi Dabe, banana ba Grootlagte ba boitseme go ya go kopa ditlhaloso le thuso kwa ofising ya banana kwa Ghanzi. A re mme le fa go ntse jalo, ba ofisi ya banana ba ba etela gangwe le gape go tsisa mananeo gaufi le bone mme ga go nko e tswang lamina.
E rile a kgwa kgosi dikgaba, tona Kgathi a gakolola banana gore ditalente tsa bone di ka ba tshetsa tsa ba tsa ba isa kgakala mo botshelong.
O ba gakolotse a ba a ba rotloetsa go tsaya lenaneo la YDF (Youth Development Fund), le a neng a ba tlhalosetsa gore fa ba le tsere ba lopiwa go duela sephatlo sa madi a ba a tsereng fela mme a mangwe ba a newe mahala.
Tona o gakolotse banana go tswa mo nnotaging le botlhakatsebe. A re dilo tse ke tsone di ba itsang go tokafatsa matshelo a bone. O ile gape a ba tlhagisa a gagamaditse phatlha gore ope fela yo o ka fitlhelwang a dirisa madi a ba thusiwang ka one mo nnotaging o tlaa gagamaletswa setoropo.
A re, mo metshamekong, fa sengwe setlhopha se ka filtlhelwa se dirisa madi mo nnotaging ba tlaa kgaolwa mo dikgaisanong gotlhelele. Tona Kgathi o ne a tshwere diphuthego mo metsaneng ya Grootlgate le Qabo, a buwa le banana le go ba lekola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 30 Jan 2014






