Dipompo tsa metsi di a dutla
30 Jan 2014
Banni ba kgotla ya Marapalalo kwa Kanye ba re dipompo tsa metsi ka bontsi mo motseng wa bone di dutlisa metsi mo go ngomolang pelo, mme go lebega go se ope yo o tsibogelang seemo seo.
Banni ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, bosheng. Ba boletse fa Kanye a tlhaelelwa ke metsi thata mme go le maswabi go bona melapo e keleketla ka metsi jaaka e keteng go nele dipula tsa sephai.
Banni ba boletse fa kwa malwapeng e le selelo le khuranyo ya meno, ka gore gangwe le gape metsi a nna a kgadile, mme dituelo fa di tla, etla e le madi fela a a kwa godimo thata. Ba re fa ba botsa kwa lephateng ba bolelelwa gore ba seka ba bula dipompo fa metsi a seyo ka gore ga twe fa o bula metsi a seyo go tswa phefo mme mmithara o bale.
Ba kopile ba lephata la metsi go itlola go araba dipitso nako e le teng ka gore metsi a tlhaela lefatshe ka bophara. Ba re metsi ao a setse a dirile makadiba mo motseng, mo ebile a okang leruo.
Mo go tse dingwe banni ba Marapalalo ba kgadile ba khansele le bogosi go diega go tseela barui ba ba ruetseng leruo mo motseng dikgato tse di gagametseng.
Ba boletse fa dikgomo le ditonki di gobeya mo motseng wa Kanye. Ba re leruo le le mo motseng le senyetsa batho mo malwapeng; le roba dipompo le diheke, ditlhare le dithunya mo malwapeng. Banni ba ngongoregile gape ka matlakala a sa olelweng ke ba khansele mo motseng wa Kanye, mo a felelang a phatlalatswa ke leruo.
Ba re motse wa Kanye o leswe fela thata mo go tlhabisang ditlhong, ka jalo go tshwanetse ga tsewa kgato ka seemo se, ba tlatsa ka gore ka ngwaga wa 2016 ba batla gore bontsi a bo bo itekanetse. Tebang le tsa borukutlhi, mothusa ramapodisi a Kanye, assistant superintendent Mogogi Mathaba, o boletse fa bogotswana bo le bontsi mo kgotleng ya goora Mongala ka go na le mmolo le marekisetso a mantsi.
A re basimanyana ba tlhola fela mo marekisetsong ba lebeletse batho go ba utswela. O boletse gape fa go na le dikgang tsa maferefere mangwe a tsietsang batho ba re ba ka ba direla madi, a tlhalosa fa go setse go na le ditsheko tse tharo tse ba di setseng morago mabapi le go tsiediwa.
O kopile Batswana go itlhaloganya mabapi le dikgang tse di ntseng jalo. Rre Mathaba a re gape ba sa ntse ba tshwenngwa ke bommasepoto bangwe ba ba sa ntseng ba rekisa fela ka dinako tse di sa letlelelweng le dikgang tse di ntsi tsa dipetelelo, tse di diragalang gantsi mo baneng ba dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 30 Jan 2014






