Breaking News

Temo e a nametsa kwa Tutume

30 Jan 2014

Seemo sa temo kwa kgaolong potlana ya Tutume se a nametsa. Se se builwe ke rabalemisi wa kgaolo eo, Rre Namati Thapelo mo potsolotsong bosheng.

O ne a tlhalosa fa balemi ba tshwere temo ka mashetla le ka manontlhotlho. A re ba setse ba lemile diekere di le makgolo a le lesome mo nakong eno, a tlatsa ka go tlhalosa fa balemi ba sale ba simolotse go lema kgwedi ya Ngwanatsele e rogwa ka dipula tsa matlakadibe tse di neleng kwa Maitengwe.

Rabalemisi a re seemo sa didirisiwa ga se a ba tshwenya thata, fa e se fela letlhoko la dipolantara, a tlatsa ka gore se ga se a ka sa kgoba balemi marapo. A re bangwe ba lema ka dikgomo fa bangwe ba lema ka ditonki, mme a tlatsa ka gore leuba ga le a ka la ama diruiwa tse tsotlhe; dingwe di ne tsa kgona go lepalepana le lone. 

Rre Thapelo a re balemi ba ne ba kgatlhegetse go lema ka ditselana, fa e ne e se ka go anamisiwa ga molaetsa lefatshe ka bophara gore batho ba leme ka go gasa ka diatla go alola bokgola jwa dipula. Le fa go ntse jalo batho ba ne ba seka ba tlhola ba re kamoso, ke ba simolola go gasa dipeo ka diatla. “Temo ya kgaolo e, e wela kgwedi ya Tlhakole e le lesome le botlhano,”go bua jalo Rre Thapelo.

A re mo nakong ya gompieno ga ba ise ba nne le dikgwetlho dipe tsa diji, fa e se fela sebokwana sengwe se se neng sa utlwalelwa kwa kgaolong ya Nata/Gweta, mme ba ne ba se fefogela, ka jalo seemo sa boela mo taolong. Rre Thapelo o rotloeditse balemi go nna kwa masimo go leta, a tlatsa ka gore fa batho ba ya kwa masimo ba ithulaganye go ikilela mo dirukutlhing tse di tshwenyang kwa masimo.

O rotloeditse balemi go ipega kwa balemising nako e sale teng fa ba sena go fetsa go lema gore ba thaelwe masimo go tla go bona dituelo. A re balemi ba tsile go duelelwa mo mabolokelong a bone a madi kwa dibankeng, a re ba ba senang one ba ise meriti ya bone e e rurifaditsweng ka fa molaong kwa balemising go tla go duelwa ka dicheke. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 30 Jan 2014