Breaking News

Ditso tsa merafe e e kwa Kgalagadi

29 Jan 2014

Kgaolo ya Kgalagadi e kwa borwa bophirima jwa lefatshe leno, e namile le melolwane ya lefatshe la Aferika Borwa.

Kgaolo e e kgabile ka sekaka se se nang le ditotoma tse dintle tsa metlhaba kwa metseng ya Struizendam le Khawa. Ke nngwe ya dikgaolo tse di tumileng thata ka thuo, bojanala le makgabisa naga ga mmogo le ditso tse di farologaneng mme fela go sa ntse gole gonnye mo go itseweng ka merafe ya kgaolo eo.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Richard Toto a re morafe wa gagwe o tlholega kwa lefatsheng la Aferika Borwa kwa Kudumane, kwa goo Motlhware. A re ba dule koo ka dingwaga tsa bo 1810 ba tshaba dintwa tsa maburu mme ba tla ba felela mo kgaolong ya Kgalagadi.

Fa a tlhalosa, Rre Toto a re go tsile pele morafe o mo go seo sebaka o neng ole ka fa tlase ga bogogi jwa ga Kgosi Moraladi, yo o neng a tla a thibelela mo motseng wa Maubelo. 

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa morago go ne ga tla Kgosi David Toto 1, yo e rileng ka ngwaga wa 1937 a tlhongwa kgosi ya merafe e metlhano, ebong wa Batlhware, Bakgalagadi, Makhalate, Bakgothu mme morago ga tla morafe wa Baherero o o neng wa fitlha wa thibelela kwa motseng wa Omaweneno, mme mo go tsamayeng ga nako ba kgaogana ba bangwe ba ya Draihoek fa ba bangwe ba ya Makopong.

A re go tlhalosiwa fa leina Omaweneno go tewa borakanelo, ka foo e le teng fa morafe wa Baherero o kopanetseng teng. Kgosi Toto a re fa go ntse go tsamaya go ne ga tla morafe wa Barolong o o neng o tlholega kwa Morokweng kwa Aferika Borwa, o o  neng wa feta wa nna kwa Makopong le morafe wa Baherero mme ka ntlha ya go ata ba anama le metse ka go farologana ba bangwe ba ntse ba gokagana le masika a bone kwa  kgaolong ya Borolong. A re morafe wa Barolong ke morafe o o binang tholo.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa e rile mo go tsamaeng ga nako ga tla Batlhaping ba tswa kwa Taung, kwa Aferika Borwa mme ba feta ba nna kwa motseng wa Kisa, mme fela le bone ba phatlalala le kgaolo ka ntlha ya go ntsifala le go batla lefelo le ba ka ruelang mo go lone.

A re go na le merafe e mengwe e tshwana le ya Bakgothu ba ba tlholegang kwa  Nosopo le Baherero ba ba tlholegang kwa Windhoek, kwa  lefatsheng la Namibia, fa morafe wa Bakhalate o tsile mo Kgalagadi go tswa kwa lefatsheng la Aferika Borwa, a gatelela ka gore fela bone ga ba bantsi jaaka merafe e mengwe.

Kgosi o ne gape a supa fa e rile mo go gorogeng ga merafe ba bo ba tlotlile go itshetsa ka temo thuo le go tsoma. A re merafe e tshwana le Baherero o dumela thata mo go ruweng kgomo.

Fa a tlhalosa ka bogosi jwa morafe, Kgosi Toto a re kgosi ya pele ebong Kgosi Moraladi, o ne a sena bana ba basimane mme mo dinakong tseo ngwao ene e sa letle gore mosadi e ka nna kgosi, ka jalo bogosi bone jwa fetisediwa kwa go Rre Seole yo e neng ele mogwe wa gagwe.

A re Kgosi Seole o ne a tlhalosediwa fa a tla bo a direla ka fa tlase ga mohumagadi wa gagwe ka bogosi ese jwa gagwe. A re Kgosi Seole o ne a tlhalosetswa fa go na le kgosi e e tla tswang kwa Aferika Borwa go tla go tsaya bogosi mme se sa seka sa mo itsa go dira tiro ya gagwe ka botswapelo.

 O ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 1937 Kgosi David Seetelo Toto a goroga le boora Kgannyeng ba a neng a ba nyaletse e bile e le bone ba mo godisetseng mme ba feta ba ya go thibelela kwa Maleshe, mme morago Rre Kgannyeng a mo tsaya a mo isa kwa Tsabong gore a ye go tsaya setilo sa gagwe. O tlhalositse fa Rre Peter Pego Toto a ne a tlhomiwa go nna mokwaledi wa gagwe.

Fa a tlhalosa, Kgosi Toto a re Kgosi Moraladi e ne le rragwemogolo Kgosi David Seetelo Toto wa ntlha, ka jalo ke ene a neng a lebanwe ke bogosi jwa morafe oo.  A re ka ngwaga wa 1968 Kgosi Seetelo Toto wa ntlha o ne a tlhokafala mme bogosi jwa tsewa ke Charles Sephiri yo o neng a dira ka nakwana mme morago a fitisetsa bogosi kwa go Daniel Kaartze yo o neng a tlhokafala ka ngwaga wa 1989.

Kgosi a re morafe o ne wa nna sebaka sa dingwa di le pedi o sena kgosi mme morago Kgosi Seetelo Toto o ne a kwala lekwalo a supa fa a batla bogosi ka e ne e le jwa ga rragwemogolo mme ya re ka ngwaga wa 1990 a tlhomiwa kgosi.

A re Kgosi Edwin Ntau o ne a bewa ele mothusi wa gagwe yo o neng a tlhopiwa ke morafe ba mo tlhatlosa maemo go tswa kwa bogosaneng; mme ya re ka wa 2002 kgosi Ntau a tlhokafala. Kgosi o ne a tlhalosa fa morafe o ne wa supa fa o sa batle kgosi e e itlhopetsweng ka jalo boora Toto ba kopana go ntsha motho yo o tla yang yo thusa Kgosi David Seetelo Toto yo e leng moemedi wa Kgalagadi kwa ntlong ya dikgosi.

Rre Richard Tlharesakgotla Toto a re o ne a tlhomiwa go nna mothusi wa ga Kgosi Seetelo Toto wa bobedi ka ngwaga wa 2003 mme le mo go seno sebaka a sa ntse a direla morafe wa gagwe ka botswerere le bopelokgale.

O kaile fa kgosikgolo e le motho yo o nnang a tshwaregile ka jalo e le boikarabelo jwa gagwe go tlhokomela batho ba gagwe.

Kgosi Toto o ne a feleletsa ka go gwetlha batho go ithuta ditso tsa merafe ka go farologana segolobogolo tsa merafe e mennye, a re batho ba tshwanetse go dirisa dinako di tshwana le bo Khawa Dune Challenge go ithuta ditso tsa merafe ka go farologana mo Kgalagadi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 29 Jan 2014