Batswana ba kgothadiwa go somarela metsi
29 Jan 2014
Tona wa lephata la Meepo, Kgotetso le Metsi , Rre Kitso Mokaila, o boletse fa ele boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go dirisa metsi ka kelelelo.
Tona Mokaila, yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Borolong, o buile jalo fa ane a abela dikole tse dipotlana tsa St. James, Flowertown le Nthompe Koma mo Mahalapye dimpho tsa go bo ele dingwe tsa maphata a a dirisang metsi sentle mo kgaolong ya Mahalapye fa go tshwantshanngwa le a mangwe.
A re gobo dikole tseo di didirisa metsi sentle ka go a somarela, lephata la gagwe le ne la bona gole matshwanedi go di abela ditsompelo tse di ka dirisiwang ke bana ba sekolo go ithuta, di akaretsa disutlho le dipensele, ele maiteko a lephata la gagwe go rotloetsa baithuti ba dikole tseo le barutabana gammogo le Batswana ka kakaretso go dirisa metsi ka kelelelo.
E rile Rre Mokaila a itebaganya le baithuti ka sebele, a ba kgothatsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone le go ikgapha mo ditirong tse di ka ba gogelang mo thaelong jaaka go nwa majalwa le go goga motsoko.
A re ele baemedi ba setshaba kwa palamenteng, ba tshwentswe thata ke maduo a sa itumediseng a dikole tse dipotlana le tse dikgolwane a a welang kwa tlase ngwaga le ngwaga.
E rile mogokgo wa sekole sa St. James, Mme Gasenone Tefhelo a tswa la gagwe, a lebogela tona Mokaila le badiri ba lephata la gagwe gobo ba abetse dikole dimpho segolo jang ka nako e puso e sa ntseng e lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhaelelwa ke madi a go ka reka didirisiwa di tshwana le dibuka le tse dingwe.
Mme Tefhelo o tlhalositse fa ele maikemisetso a barutabana le baithuti ba sekole seo go tswelela ka go dira sentle mo dithutong segolo jang mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa.
A re dithuto tsa bana di ka nna le maduo a nametsang fa gona le tshwaragano fa gare ga batsadi, barutabana, baithuti le makgotla a batsadi le barutabana, ka go nna ba etela mo dikoleng goya go bona ka fa bana ba tsweletseng ka teng mo dithutong, gona le go baya maikarabelo otlhe mo barutabaneng ntswa batsadi ele bone ba nnang lebaka le le leele le bana kwa malwapeng.
Rre Mokaila o mo loetong la malatsi a mabedi go tlhalosetsa le go ruta banni ba Mahalapye ka ditiro tsa lephata la gagwe. O ne a patilwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Bernard Bolele le bagolwane ba maphata a puso le khansele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atang Mosinyi
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo Dimpho
Date : 29 Jan 2014






