Batswana ba tlhoka thuto ya itshireletso
29 Jan 2014
Tona wa Itshereletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse a re Batswana ba tlhoka thuto e e tseneletseng ka go sireletsa dilo tsa bone le mananeo a puso.
Tona Seretse o ntshitse mafoko ao fa ane a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Karakubis le Kalkfontein mo kgaolong ya Ghanzi bosheng. A re fa Batswana ba sa rutwe thata, mowa wa boipelego o tla nyelela.
Tona a re mo dingwageng tsa gompieno Batswana ba batla go direlwa sengwe le sengwe ke puso ntswa ba na le bokgoni jwa go ka itirela le go itshetsa, a tlatsa ka gore mowa wa boithaopo o wetse tlase fela thata.
Rre Seretse a re mapodise ga ana go kgona go sireletsa le go lwantsha borukutlhi ba le nosi, ka jalo Batswana le bone ba tshwanetse go nna le seabe le gone go dirisana le mapodise ka dinako tsotlhe.
Rre Seretse o boleletse banni bao gore ba tshwanetse go somarela dithuso tse ba dinewang ke puso gore ere kamoso di ba tswele mosola. O ne a bua jalo a tlhalosa fa go na le bangwe ba Batswana ba ba tsayang dithuso tsa puso mme ba palelwa ke go di tlhokomela sentle.
A re nako e tsile ya gore badirelapuso ba eme ka dinao go tshwara diphuthego tsa kgotla go ruta Batswana ka mananeo a puso, ba ba kaela gore ba tshwanetse go a tlhokomela jang le ditlamorago tse di tsamayang le one mananeo ao.
O boletse fa bontsi jwa Batswana ba tsere mananeo a puso mme sebe sa phiri jaanong e le gone gore ga gona sepe se se fetogileng e bile se bonala mo matshelong a bone, se go ka tweng ke maduo a mananeo ao. O ne a bua jaana a kopa gore go nne le thuto e e tseneletseng tebang le mananeo a.
Tona Seretse o ne a kopa banni go tsena mo dikomiting tsa sepodisi, jaaka ya dikgaolwana, gore ba kgone go lwantsha borukutlhi sentle mo metseng ya bone.
A re fa ele gore dikomiti tseo ga di bereke mo metseng ya bone seemo sa borukutlhi ga se kitla se ya tlase mme se tla golela pele. O ne a kopa ofisi ya ga molaodi go ema ka dinao go tsosolosa dikomiti tse di sa berekeng mo kgaolong ya bone, go tila dingongora tse dintsi go tswa mo morafeng.
A re dingwe tsa dingongora tseo ke tse di tlhokang go rarabololwa ke molaodi le mokwaledi wa khansele, eseng gore di emele tona kana mopalamente wa bone go di sekaseka. Tona o ne gape a kopa molaodi go ema ka dinao go bona gore dilo mo kgaolong ya gagwe di tsamaya ka thelelo.
E rile banni bao ba akgela, ba ne ba ngongorega thata ka mapodise, ba supa fa ba sena tirisano mmogo e e tsepameng le bone. Banni bao ba boleletse tona gore fa ba na le mathata a tshwana le bogodu, mapodise ba tsaya lobaka go rarabolola dikgang tsa go nna jalo.
Banni bao ba boleletse tona gape fa mapodise ba sa dirisana sentle le bone, ba supa fa gosa dirisanyeng sentle le bone go ka tswa go dirwa ke gobo ba berekela golo gole gongwe dingwaga, ba sa fudusetswe kwa dikgaolong di tse dingwe. Ba re gobo borukutlhi bo golela pele, go dirwa gape ke gore mapodise ba tsaya nako go goroga kwa lefelong la ditiragalo, fa gongwe ele ka ntata ya tlhaelo ya dikoloi.
E rile tona a araba dilelo tsa bone a tlhalosa fa puso e sa ntse ena le mathata a madi, a tlhalosa gore fa itsholelo e ka tokafala dilo di tla boela mannong. Mabapi le tlhaelo ya dikoloi tsa sepodise, o ne a bua le bagolwane ba sepodise go emela kgang eo ka dinao.
Tona o boleletse banni bao gore ba ne badumalana le baokamedi ba sepodise gore mapodise a nne dingwaga tse pedi fela mo lefelong. Le fa go ntse jalo, a re o tla ikopanya le bagolwane bao go ngunanguna kgang eo gape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jan 2014






