Breaking News

Kedikilwe o rolela sekole dimpho

28 Jan 2014

Mothusa tautona o roletse sekole se sebotlana sa Central kwa Palapye dimpho tsa boranyane jwa madi a a ka tshwarang P260 000 go tswa kwa khamphaning ya CSA.

E rile a bua kwa moletlong oo, Dr Ponatshego Kedikilwe, yo gape eleng mopalamente wa Mmadinare, a tlhalosa fa a tsweletse ka go kgobakgoba  fa morago ga ditiro tse dintle tse etlaareng  mo isagong di solegela setshaba mosola, ka go fa ngwana mongwe le mongwe ditsompelo tsa thuto go mo ntsha mo lehumeng.

Mothusa tautona a re thuto ke lemao le le ntlha pedi, le ka tlhaba kobo le moroki, a supa fa e tlhoka gore ba ba e neelwang ba e tseye ka matsetseleko le boikarabelo, ka go sa nneng jalo e ka ba tswa ka diphatlha tsa menwana.

A re ga twe ba dipitse bonang ba dinao, a tlhalosa fa go tewa gore batho ba gopole ba ba dikobo dikhutshwane, gone gore go fokodiwe dipharologano fa gare ga mohumi lemohumanegi.

A re mpho e e tlaa ba ntsha kwa morago le gone go tokafatsa matshelo a bana. O boletse fa se se tla thusa bana go ya pele le go tsena mo teng ga maranyane go itseela botsipa le boitemogelo le go bopa bokamoso jo bo rileng.

O boletse gape fa se se tla thusa go fitlhelela tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016. Dr Kedikilwe o ne a kgothatsa setshaba go tshwaraganela kgodiso ya bana gotswa moding le gone go tokafatsa boleng jwa bone, a gatelela fa go dira jalo go ka ba fa boikarabelo, boitseanape le tebelopele mo thutong ya bone ka bophara le gone go e tsaya ka tlhwaafalo.

O ne gape a re Rre Jacob Mothupi ke motshola sesikalala, ke mosupa tsela ya thuto ka maikaelelo a go e isa mankalankaleng; a re seo ke thuto, ngwao, bokamoso le gone go gasa lesedi la botshelo mo baneng.

A re fa boranyene jwa dikhomputara bo le teng boka ntsha maduo a a eletsegang. O ne a re ele ruri motho yo o tshwanang le Rre Mothupi o a tlhokwa. A re seabe sa gagwe se tlhatswa pelo gape se tiisa moko.

O boletse fa ba kompone ya CSA ba itebagantse gape le go rutuntsha batho ka tsa boranyane, ka go fa ba fa dikitso tse di farologanyeng ka boranyane jwa dikhomputara.

A re ele ruri se ke lesego le le gaisang, bogolo jang ngwana wa Motswana a batla go bona thuto e tlhabologile ka go nna le seabe mo go e tlhabololeng le gore ere isagong bo Mothupi ba bangwe ba nne teng ba tle ba mo je boswa ba tsweledise.

Mothusa tautona o ne a bua ka lenaneo la thuto le le sekasekilweng la 1992/93 le leneng le re batsadi ba tsengwe mo thutong ya bana ka go neelwa boikarabelo jwa go kopanela tsamaiso ya thuto le barutabana ka dikomiti tsa PTA.

A re seo se ne sa tokafatsa seemo sa thuto fela thata sa e baya mo maemong a a kwa godimo. O ile a re maduo a lokwalo lwa bosupa mo sekoleng seo a lebega a ne a ya godimo, nako e nngwe a wele tlase mme a galaletsa barutabana gore mono ngwaga ba dirile sentle thata a bo a ba kgothatsa go dira le go feta; a ba rolelela didirisiwa tseo tsa maranyane.

Fa a fa malebo, mopalamente wa  kgaolo ya Palapye, Rre Moisarela Goya , o ne a re letsatsi leno re tsile go bona maduo a peo ya ga Rre Jacob Mothupi e e jwadilweng mo mmung o o siameng.

A re itsholelo ya lefatshe e laolwa ke boranyane jo bo tshwaraganyeng, lefatshe ka bophara. O ne a kgothatsa barutabana le baithuti go dirisa didiriwa tseo ka kelelelo gore di tle di akolwe ke ba ba tlang kwa morago.

A re gape di tsile ka nako e e siameng e sekole sa maranyane sa BUIST se simolotseng go bereka, a gatelela fa jaanong bana ba Central bone ba ya go tsena mo go tsa boranyane ka maitenogeleo a a kwa godimo ka ba tlaabo ba amule kwa moding.

Rre Goya a re thuto eka tswakanya itsholelelo fa bana ba ka e tsaya ka tlhwaafalo, a fa sekai ka lefatshe la India le a reng  boranyane jwa teng bo rutilwe bana, jannong ba tsholeditse itsholelelo ka go romela madi a mafatshe a sele kwa gae ka bokete, a re seo seka diragala le mono gae.

O ile a kopa gore a letlelelwa go tswa ka mogopolo wa gore a ntlo eo ya maranyane e bidiwe “Jacob Mothupi Laborotary”. Mopalamente o ile a kopa dikopone tse dingwe go thusa go gokela boranyane jwa inthanete. O ne a kopa sekolo sa Central go se ikgagapelele boranyane joo jwa dikhomputara mme ba bo dirise le dikole tse dingwe tse di senang jone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Jan 2014