Breaking News

Bapadi ba phane ba kopiwa go tlhokomela tikologo

28 Jan 2014

Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele o kopile bagwebi ba phane go tlhokomela tikologo fa ba le mo tirong ya bone.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla bosheng, kwa metseng ya Tswapong Bokone, Rre Maele o boletse fa gangwe le gape batho ba ba bapalang phane ba tlogela tikologo e se phepa mme seo se felele se tsenya matshelo a leruo mo diphatseng. Rre Maele a re malwetsi a tshwana le jwa dikgomo jwa mabele a anama motlhofo ntateng ya leswe la setho.

Ka jalo, Rre Maele o ne a kopa ba ba bapalang phane go epa mesima go katela leswe le ba le dirang fa ba bapala phane ka seo se ka thusa go thibela malwetsi. Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a itsise morafe fa puso e letleletse balemi go lema ba gasa mme e tlaabo e le lekgetho la bofelo.

O kopile boraditerekere go epa mosele wa pula go sale gale, ka mo temong e e tlang ya ngwaga wa 2014/2015 ba tla a seke ba letlelelwe go jwala ba gasa. A re puso e ne ya reetsa selelo sa balemi ka ba ne ba bolela fa go sena digogi.

Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa balemi go lema ka dipalo tse di kwa godimo gore ba itirele dijo. Rre Maele o ne a itsise banni fa puso e kgonne go bona mmaraka wa go rekisetsa dikgomo kwa mafatsheng a Searabeya (Middle East).

A re dipusisanyo tsa go rekisetsa dikgomo kwa mafatsheng ao di solofetswe go wela mo nakong e e gaufi. O ne a gwetlha banni go dirisa lenaneo la go agelela masimo le balemi ba letlelelwang go agelela masimo ka bongwe ka bongwe, puso e ntsha sephatlo sa madi a sa feteng P70 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2014