Breaking News

Bana ba SOS ba amogetse dihempe

28 Jan 2014

Bana ba legae la SOS kwa Serowe ba tla dika ba orile molelo wa mariga ka ba lebenkele la CB Stores mo Serowe ba ba abetse dihempe tsa sekolo.

Legae le, le le nang le bana ba le lekgolo le bofera bobedi, le abetswe dihempe dile dikete tse tharo, tse di lopileng madi a ka tshwarang dikete tse thataro le makgolo a matlhano a dipula.

Fa a rola dimpho tseo kwa legaeng leo bosheng,  Mookamedi wa CB Stores wa kgaolo ya borwa,  Rre Ramogama Ngwai o ne a re, ntswa ba tswa kgakala ba na le tirisano mmogo le ba SOS,  ba ne ba na le lebaka le le leele ba sa le abele sepe, ka jalo ba bone go tshwanetse go ba gopola.

Rre Ngwai o ne a tlatsa ka gore, kwa ntle ga tirisano  mmogo e ba nang le yone le SOS, legae le  le rekela bana ba bone diaparo  ka bontsi kwa lebenkeleng la bone. O tsweletse  a re  go botlhokwa go fa bana ba motse o lerato gore le bone ba ikutlwe ba amogelesegile mo setshabeng.

Modiri wa SOS, yo o itebagantseng le Kokoanyo ya Madi le Ipapatso Rre Robert Bahoni, o ne atlhalosa fa bana ba motse oo  e se ba bone fela mme e le ba setshaba ka kakaretso.

Rre Bahoni  a re, lebenkele le, le mo tseleng e ntle ya go diragatsa maitlamo a 2016, a ‘tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka batho ba yone.’ O ne a leboga lebenkele la CB Stores fela thata mme a kopa gore ba seka ba ipona tsapa go thusa le mo nakong e e tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesego Mosinyi

Location : SEROWE

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Jan 2014