Banana ba rutwa ka tsamaiso ya kgwebo
28 Jan 2014
E rile bosheng banana ba kgaolo ya Nkange ba le masome a robabongwe le botlhano ba bo ba rutuntshiwa ka ditsela tsa go nna bagwebi ba ba botlana.
Mo potsolotsong, rabanana wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Tlamelo Tsebe, a re se se tsile morago ga go bona bangwe banana ba tsena fela mo dikgwebong mme ba sa itse gore ba simolole fa kae.
A re jaanong ithutuntsho eo, e file banana maitemogelo a go re fa ba simolola go tsena mo kgwebong, e ka tswa e le ya mofuta ofe fela, banne le ditsholofelo dife.
Rre Tsebe o tsweletse a re, ba ne ba solofetse go rutuntsha banana ba le lekgolo mme ba kgonne go bona fela ba le masome a robabongwe le botlhano, ka go bo ba sa kgone go fitlhelela banana ba metse e e kgakala le ditlamelo. A re se se bakwa ke gore megala ya bone fa gongwe ga e tshwarege, gape fa gongwe fa ba tsaya matsapa a go ba latela ba itaya se folletse.
Rre Tsebe a re, banana ba supile kgatlhego mo go se se rutilweng. A re mo teng ga ithutuntsho eo, go ne go na le banana ba ba setseng ba le mo dikgwebong tse di tsweletseng jaanong ba ba laleditse go tla go nna sekao, ga mmogo le go kgothatsa bangwe ka bone.
A re mo difomong tsa ikopelo madi a banana, go na le fa go batlwang gore ke efe kgwebo e o e itseng kana kitso e o nang le yone ya kgwebo, mme bontsi bo supega fa bo sa kgone go bona dithuso ntateng ya seo.
Jalo ba bone go tlamega go tswa ka mogopolo wa ithutuntsho go thusa go tlhatlhelela banana ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 28 Jan 2014






