Bakeresete ba kgothadiwa go bopagana
28 Jan 2014
Phuthego ya kereke ya Dutch Reformed kwa Morwa mo kgaolong ya Kgatleng e kopilwe go bopagana le go dira mmogo ka lerato ka seo e le thato ya Modimo.
E rile Kgosi Mothibe Linchwe a bua kwa tlhomamisong ya moruti wa kereke eo ka matlhatso, a tlhalosetsa baphuthegi fa dintwa le diphaapang le go supana ka menwana mo kerekeng go senya boleng jwa sekeresete.
A re kereke ya Dutch Reformed e tswa kgakala ka dintwa tsa maragana teng mme a re nako e tsile ya gore kereke e itshekatsheke, go nne le lorato le kagiso.
Kgosi Mothibe a re mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itshekatsheka mo bokereseteng jwa gagwe mme a tseye maitlamo a gagwe ka thwaafalo.
O ne a supa fa puso le bogosi ba sa itumelele ka fa dikereke di tsamaisiwang ka teng mo metlheng ya gompieno, a tlatsa ka gore seo se tla pateletsa baeteledipele go tsenya leitlho thata mo go tse di diragalang mo dikerekeng.
Kgosi Mothibe a re o makadiwa ke ka fa dikereke ka mefuta ya tsone di supanang ka menwana ka teng, a tlatsa ka gore seo ga sena go sologela ope molemo, fa e se go godisa letlhoo mo gare ga dikereke.
A re fa motho a ipitsa ka leina la ga Keresete o tshwanetse a tshelela Keresete le go dira se lefoko la Modimo le se mo laelang.
O ne a tlhalosetse phuthego eo fa kereke e se motshameko wa kgwele ya dinao mo go nang le basireletsi le batshameka-pele. O ne a bua jaana a fa sekai go lemotsha baphuthegi gore bokeresete ga bo tle gangwe e bo e nna gone gotlhe.
“Ke tsela e motho a e tsayang a bo a e tshela malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe jaaka a ipaakanyetsa go kopana le Modimo ka sebele.”
Kgosi Mothibe a re dilo dingwe tse di dirwang mo kerekeng ke matlhabisa ditlhong mme a kopa botlhe go emisa go gataka le go nyenya lefoko la Modimo. Mo mafokong a gagwe a kamogelo ya pitso ya boruti, Moruti Eskia Mooketsi a re o ne a sa dumele gore letsatsi lengwe o tla tlhomiwa go nna le phuthego.
A re e re ntswa pitso e sa bolo go tla dingwaga tse di masome a mabedi tse di fetileng, o ne a tsaya lebaka go diragatsa kana go araba pitso ya Modimo. Moruti Mooketsi a re o berekile ka lebaka mo ofising kgolo ya kereke mme o ne a dumela gore nako e tsile ya gore a ikhutse mme ka tiro ya Modimo e sa fele a romiwa go etelela phuthego ya ga Morwa.
A re tiro ya Modimo ga se dinyana e bile ga go ketelwe mo go yone, ka jalo a kopa gore Modimo o mo fe nonofo gore a kgone go direla phuthego le morafe wa motse wa Morwa. Le fa go ntse jalo, Moruti Mooketsi a re o dumela gore kereke ga e dire go lekane go thusa batho mo lefatsheng la Botswana.
A re puso e dira mo e ka go kgonang mme kereke yone e saletse kwa morago, a tlhalosa fa ka jalo nako e tsile ya gore kereke e supe gore e direla Modimo yo o tshelang. Moruti Mooketsi a re tiro ya kereke ke go rera efangedi le go tlhokomela batlhoki, babobodi le digole mme seo ele tlhomo ya Modimo mo kerekeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MORWA
Event : Tlhomamiso Ya Moruti
Date : 28 Jan 2014






