Breaking News

Kgosi o lela ka tshenyo ya leruo

27 Jan 2014

Kgosi Meshack Kaponene wa Mokobaxane, a re le mororo dipula di nele ka bokete mo kgaolong potlana ya Boteti temo e boutsana ntateng ya tlhaelo ya diterekere.

Kgosi Kaponene o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake.

A re seemo se se a tshwenya ka jaana banni bangwe ba ya go siiwa ke bokgola le ntswa ba ne ba na le maikaelelo a go lema.

O tlhalositse fa sengwe se se tshwenyang thata e le boraditerekere ba ba lopang balemi gore ba ntshe madi a peeletso gore ba kgone go lemelwa.

A re seemo seo se dira gore ba ba senang madi ba salele morago mo temong kana ba felele ba itlhobogile gotlhelele.

Kgosi Kaponene a re balemi ba tshwenngwa gape ke barui bangwe ba ba ruetseng mo masimong mme ba le boitseme go tlhokomela leruo la bone.

A re ka jalo leruo le le kailang mo masimo le sena tlhokomelo le uputsa masimo a ba ba beileng tema. Kgosi Kaponene a re o tshwentswe ke seemo se fela thata, a supa fa a kile a bitsa phuthego ya morafe go itebaganya le sone, ka gore go utlwisa botlhoko go bona bangwe ba tsweletse ka go lema mme ba tswa ba iphotlhere ngwaga le ngwaga ntateng ya leruo le le senyang mo masimong.

Kgosi a re ba ne ba dumelana le morafe gore fa dikgomo di gata bolemo, mong wa tsone a atswe molemi ka madi a a kana ka lekgolo la dipula tlhogo ya kgomo, a tlatsa ka gore go jelwa masimo ke dikgomo jaanong go kgoba balemi marapo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latia

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 27 Jan 2014