Breaking News

Kgotla e a ilelwa

27 Jan 2014

Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o gakolotse banni ba Lekgolobotlo kwa kgaolong ya gagwe gore diphuthego tsa dikgotla ga di a tshwanelwa go tsenwa ke batho ba apere mebala ya makgotla a sepolotiki.

O kgadile mogopolo oo, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Lekgolobotlo bosheng, a bolela fa ditlhopho tsa setshaba di le gaufi, mme baipapatsi ba dira go swela, mo ba tsenang diphuthego tsa kgotla ba itshupa ka kapari.

Rre Rammidi o boletse fa selo seo se kgoreletsa ditsamaiso tsa kgotla. O boletse gape fa a tshwenngwa ke ditlhopho tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, a re jaanong go tlhophiwa ka sepolotiki.

O boletse fa go sa tlhophiwe bonatla le boikarabelo jwa motho mme go gamolwe ba bangwe ka gore ke ba phathi nngwe. O boletse fa kgotla e tshwanetse ya tlotlwa thata ka ebile e laolwa ke kgosi yo o emetseng mongwe le mongwe mo motseng. Are le fa mafoko a kgotla ale mantle otlhe, a go tlhabana ka sepolotiki ga a tshwanela go dirisiwa.

O ga gakolotse banni gore ba ikwadisetse ditlhopho tsa monongwaga, a re go nna le seabe ke boikarabelo ja Motswana mongwe le mongwe, a bolela fa ditlhabololo di dirwa go lebilwe dipalo tsa batho mo metseng ka go farologana.

Mo go tse di dingwe, Rre Rammidi o ba boleletse ka lenaneo la go simolodisa tirelo setshaba , o boletse fa go tla bo go kwadisiwa banana ba dingwaga tse di masome a mabedi go fitlha go masome a mararo, ba ba sa direng sepe, ba dithuto tsa lekwalo la bosupa go ya mophato wa boraro wa dikwele tse dikgolwane.

‘’Mme nna ke kgatlhanong le tirelo setshaba ee rebotsweng eo, ke go senya madi a setshaba fela ka gore ga e na bokamoso mo bananeng bao fa ba fetsa, ga e ba ntshe mo mekgwatlheng, ga e thuse sepe, legale ikwadiseng,’’ a rialo Rammidi.

O boletse fa go tsile go dirisiwa madi a selekanyo sa didikadike dile P128 ka ngwaga. Rammidi are go k abo go le botoka gore banana ba thapiwe mo ditirong tsa sennela ruri, a re tirelo setshaba e tshwana fela le Ipelegeng ka P500 wa dikatso a le monnye thata.

Fa itebaganya le tsa ditlhabololo, a bolela fa dingwe tsedi neng di solofeditswe di santse di emisitswe ka gore kwelo tlase ya itsholelo e santse e apesitse lefatshe kobo ka letshoba.

Fa itebaganya le tsa temo, o kgothaditse balemi -barui go tsosa diterata tsa bone gore dikgomo di seka tsa ba halatsa mo masimong, le gore beng ba dikgomo le bone ba ititeye ka thupana go disa dikgomo tsa bone go itsa dikgogakgogano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Jan 2014