Balemi ba tlaa ora molelo wa mariga
27 Jan 2014
Balemi ba merogo le maungo ba Kgaolo ya Legare ba tla ora molelo wa mariga mono ngwaga, morago ga tlhaloso ya ba Botswana Horticultural Market ya gore ba ya go ba husa go bapatsa ditswa temong tsa bone, go ba batlela bareki, le gone go ba di isetsa kwa mabeelong kwa Gaborone.
Mafoko a, a builwe ke mogolwane mo lekalaneng la ipapatso ya maungo le merogo go tswa kwa Gaborone, Rre One Maswabi mo dithuto-puisanong tsa balemi ba merogo le maungo mono Palapye bosheng, tse maikaelelo a tsone e neng e le go go tla ka megopolo e e ka godisang balemi , go seka seka dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone le go tla ka ditharabololo tsa tsone.
Balemi ba ba neng ba tsene dithuto-puisano tseo, ba ne ba tswa mo Kgaolong ya Legare yotlhe fela. Rre Maswabi a re morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng, ba ne ba lemoga fa ditswa temong bontsi di tswa mo Kgaolong ya Legare mme di sena kwa di rekisiwang teng sentle.
A re seo, se ne sa ba gwetlha go bona gore balemi ba ka thusiwa jang, a supa fa ba tla oketsa mabolokelo ka go aga kwa Lobatse le Francistown go tlaleletsa mo go a ntseng a le teng a Gaborone.
O kopile balemi go ba itsise nako e sale teng ka tse ba eletseng go di rekisa gore ba batle bareki. A re fa dithoto di bapaditswe ka nako , ga di a tshwanelwa go bewa mo mabolokelong, di tshwanetse go fitlhela bareki ba di emetse.
O ne a re ke maikaelelo a lekalana la gagwe go batla marekisetso kwa ntle ga lefatshe leno jaaka kwa Angola le Swaziland, mme a gatelela botlhokwa ja go tlhopha merogo le maungo ka fa tshwanelong, go nna le mokwalo o o lolameng mo dikgetsaneng tse di tsentseng ditswa temong le gone go di tsenya ka tshwanelo mo dikgetsaneng .
O ile a gatelela botlhokwa ja boleng ja ditswa temong a re, ke jone bo ka dirang gore di ipapatse. Mogolwane mo Lekalaneng le le laolang Kgwebo/Phadisano Rre Enerst Bagopi go tswa kwa Gaborone a re kgwebo phadisano e itebagantse thata le dikgwetlho tsa setshaba, ka go aga boleng ja itsholelo ka tekatekano go remeletswe mo phadisanong e e gololesegileng.
Rre Bagopi a re ke tshwanelo ya mogwebi yo mmotlana le yo motona go fiwa sebaka sa go phadisanela ipapatso ka tekatekano, a tlatsa gore seo mogwebi o ka se kgona ka botsipa ja go ntsha ditswa temong tsa boleng jo bo kwa godimo. A re mo letlhakoreng le lengwe, go fa moji moreki sebaka sa go itlhophela se a bonang se tshwanetse go ka rekwa, a lebeletse boleng.
Rre Bagopi o ne a supa fa lekalalana la gagwe la Kgwebo/ Phadisano le sa laole ditlhwatlhwa mme l e rotloetsa batho go phadisanela marekisetso ka go ntsha dijalo tsa boleng jo bo kwa godimo , le gone gore mongwe le mongwe o gololesegile go ka rekisa ka tlhwatlhwa e a e batlang, mme a sa je Batswana ntsoma.
Ene ya re ba akgela, balemi ba supa fa ba tlhoka go atumediwa mabolokelo, jalo ba kopa gore a go akantswen g gore a agiwe kwa Lobatse, a fudisediwe mo Palapye ka go lemogilwe fa Kgaolo ya Legare e le yone e ntshang temo e e ntsi.
Rre Bonolo Maikano ene, one a supa fa ba diegelwa ka dituelo ke bora-mabenkele a a rekang ditswa temong tsa bone. O supile puso ka monwana a re le mo nakong eno e santse e tsaya lebaka go ba duela, a tlaleletsa ka gore go fiwe batho ba ba farologaneng sebaka go rekisetsa dikole eseng gore e nne motho a le mongwe fela.
Mme One Kabelo o ne a supa fa ba sena dikoloi tsa ditsidifatsi go rwala dithoto tsa bone, mme a re fa mabolokelo a ne a ka ba atumela, dithoto tsa bone di ne di ka goroga di sa utlwa botlhoko.
O supile gape gore ba masimo a Talana ke bone ba tlatsang mabolokelo, a re kgang eo e sekasekwe gore le bone ele balemi ba ba botlana ba kgone go rekisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Dipuisanyo tsa balemi
Date : 27 Jan 2014






