Borre ga ba tsene mokgatlho
27 Jan 2014
Bangwe ba maloko a mokgatlho wa borre o o lwantshang mogare wa HIV le AIDS (Men Sector) kwa Letlhakeng ba supile matshwenyego a bone ka dipalo tse di kwa tlase tsa borre ba ba supang kgatlhego mo mokgatlng oo.
Mongwe wa batsena phuthego eo, Rre Mompoloki Keganne wa House of Men, o ne a supa fa go nna maoto a tshupa , go dirile gore mokgatlho o phutlhame, mme a re ka jalo ditiro tsa kgaolo potlana ya Letlhakeng tse di neng di tshwanetse go dirwa ke mokgatlho di saletse kwa morago.
A re ditsela dingwe tsa twantsho mogare wa HIV le AIDS jaaka go kgaola motseletsele wa bakapelo ga mmogo le go lwantsha go ima ga banana, go ka lwantshiwa botoka ke borre ka go supagetse fa ele bone tshosoerweleng mo go tsone.
Rre Keganne o ne a kopa borre ba ba neng ba le palo potlana kwa bokopanong joo, go sekaseka ditsela tse go ka tsosoloswang mokgatlho ka tsone gammogo le go ngoka borre gore ba supe kgatlhego mogo one.
Batsena phuthego eo, bane ba supa fa bokoa bongwe e le ja gore ditlhogo tsa maphata a puso ga ba fe mokgatlho tlotla e o e tshwanetseng, ka jalo ea re fa go tshwanetse go nna le bokopano, babereki ba borre jaaka bakgweetsi ba bo ba sa gololwe kwa diofising go tla go tsena bokopano.
Molomaganya ditiro tsa HIV le AIDS mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Semakaleng Ooke, o ne a gakolola gore mokgatlho ga oa tshwanela go itebaganya le badirela puso fela, a re mokgatlho o tshwana wa dingaka tsa setso, dikgosi, dikomiti tsa motse ga mmogo le ditlhopha tsa kgwele ya dinao di tshwanetse tsa tsenngwa go nna maloko a one.
A re se seka thusa mokgatlho gore o bereke ka thelelo mme o ka kgona go nna o bonala mo ditirong di tshwana le letsatsi la mafatshe-fatshe la segopotso sa segajaja. Bokopano joo bone ja dumalana fa baeteledipele ba maphata a puso ba tla a kwalelwa dikwalo go kopa go ba tsibosa ka botlhokwa ja mokgatlho , le gore ba nne ba rebola borre go tsena bokopano ja mokgatlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya mokgatlho wa borre
Date : 27 Jan 2014






