Badirela puso ga ba tsene diphuthego
27 Jan 2014
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o ngongoregile ka bodiredi jwa puso jo bo sa tseneng diphuthego tsa kgotla tse di buisiwang ke mapalamente, le mororo e le bone ba ba arabang dipotso dingwe tse morafe o di ba bayang pele.
O ntshitse ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla kwa kgotlaneng ya Taukobong bosheng. Rre Kesupile o boletse fa a dirile maiteko a gagwe otlhe nako le nako go laletsa ofisi ya ga molaodi le ba khansele go tla pitsong ya gagwe mme ba le moruti o tsididi fela.
Mopalamente o boletse fa dipotso dingwe tse di tswang mo morafeng di batla bodiredi jo bo amegang bo ntse bo le teng go tlhalosetsa morafe ka botlalo.
O kopile bodiredi go ba thusa mo diphuthegong go fokotsa dingongorego tsa morafe le go tlhalosa ka botlalo mananeo a puso.
Mo go tse dingwe, mopalamente o tlhaloseditse morafe ka matshego le dipilara tsa puso tsa Tebelopele ya 2016, tse a reng morafe wa Bangwaketse o di tshegeditse gore e tle e re lefatshe la Botswana le digela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa ba bo ba di fitlheletse.
O ba tlhaloseditse ka molao o o dumalanweng kwa palamenteng e e sa tswang go feta wa gore batlhoki le bahumanegi ba tlaa thusiwa ke puso go nna le babueledi fa ba seka kgotsa ba sekisiwa.
A re bodiredi jwa boipelego le dikgosi ke bone ba tlaa sekasekang batho ba ba maleba go ka akola thuso ya babueledi bao. Fa a bua ka tsa thuto, o boletse fa kgaolo ya Borwa e sa dire sentle gotlhelele mo dikoleng tse di potlana.
A tlatsa ka gore mo dikgaolong tsotlhe di le lesome le bongwe mo Botswana, kgaolo ya Borwa e mo maemong a bofera bongwe. O boletse fa basimanyana ba di goga kwa pele mo go sa direng sentle go na le basetsanyana, e bile a bolela fa ba palelwa thata ke dithuto tsa temo-thuo.
O kopile batsadi go kopanela thuto ya bana ba bone le barutabana go na le go baya fela mo sekoleng. Fa ba mo kgwa dikgaba, ba boletse fa batsadi ba sa tsene diphuthego fa ba bidiwa kwa sekoleng.
E ne e rile go le pele kgosi ya Taukobong, kgosi Kgotlafela Sani a lebogela mopalamente go ba lekola kgapetsa- kgapetsa a ba itsise ka tsa palamente le mananeo a puso.
O kgadile banni bangwe ba ba isang ditsheko tse di tshesane kwa go ene le mororo e le tse botsadi bo ka di rarabololelang kwa malwapeng.
Kgosi o kgadile banni bangwe ba ba thapang batswakwa e se ka fa molaong bogolo jang batho ba letso la Zimbabwe, mme go nne le mathata fa motho a tlhokafala. O ngongoregetse gape go tlhoka go tsena diphitlho ke bana bangwe ba kgotla ya Taukobong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Jan 2014






