Breaking News

Siele o tshwenngwa ke maduo a lekwalo la bosupa

26 Jan 2014

Mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele, a re o tshwenyegile thata ka kwelo tlase ya maduo a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng mo dikolong dingwe tsa kgaolo ya gagwe.

O ntshitse matshwenyego a mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Mmathethe le Ga-Segwagwa bosheng. Dingwe tsa dikolo tse go kailweng di sa dira sentle thata mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ke se sebotlana sa Ramolefhe kwa Mmathethe le sa Ga-Segwagwa.

E rile bagokgo ba dikolo tseo ba mo tlhalosetsa gore bothata e ka tswa e nnile eng, ba kaya fa dilo dingwe tse di koafaditseng maduo a dikole tseo e le tlhaelo ya boroko jwa barutabana mo bangwe ba felelang ba tsoga kwa Kanye.

Ba re letlhoko la motlakase le lone ke sekgoreletsi se setona ka gore didirisiwa dingwe tse di ka nonotshang thuto ya bana di tlhoka le motlakase.

Rre Siele, yo gape e leng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o ne a kopa mogolwane wa thuto go tshwara phuthego le batsadi le barutabana ba dikolo tseo go utlwa gore matsapa di a tsaya kae.

A re go botlhokwa gore lekgotla la batsadi le barutabana le dire mmogo go thusanya le go tshwaana diphoso gore ba ntshe maduo a a itumedisang.

A re fa ba sa bereke mmogo ga gona sepe se se ka siamang. Rre Siele a re go botlhokwa gore batsadi le bone ba ne ba tsaya matsapa go ya go kopana le barutabana go lekola tiro ya bana ba bone go supa kemonokeng.

E rile banni ba Mmathethe ba itekodisa tona, moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse a bolela fa ba lebogela mananeo a puso a mangwe a one e leng la ISPAAD, a lebogela le go bo puso e okeditse madi a balemi ebile ba thusiwa le ka melemo e e bolayang mhero mo masimo.

O lebogetse gape lenaneo la Ipelegeng le a reng le ba thusa go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone, a tlhalosa fa mo nakong eno ba tshwere tiro ya go penta diofisi tsa kgotla ka dithuso tsa lone, gape ba tshwere le go shafatsa  matlo a borutelo kwa sekolong se sebotlana sa Ramolefhe ka lone lenaneo la Ipelegeng.

Le fa go ntse jalo, banni ba ngongorega ka gore madi a ba thusiwang ka one go shafatsa dikago tsa puso mo motseng wa bone atla morago ga nako.

Kwa Ga-Segwgwa ba boleletse tona fa ba le mo leubeng, pula e seyo. Ba re ba baneng ba theletse thotse ke selelo le khuranyo ya meno. Ba boletse fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke mogau o o ba feleditseng dihutshane kwa masimong a Ga-ntlela nama.

Banni bao ba kopile go thusiwa ka motlakase mo motseng wa bone, le go agelwa matlo a mabedi a borutelo kwa Ditojana, go fokoletsa bana mosepele wa go latela sekolo kwa Ga-Segwagwa.

E ntse ele kwa Ga-Segwagwa, ba kopile gore ditsela tsa bone tsa Bakwenyana/Kanye le ya Ga-Segwagwa/Mathethe di gopiwe ka di sa tsamaege.

Ba supile koporasi ya metsi ya Water Utilitise ka monwana ba re fa e sa le e neelwa boikarabelo jwa go nosa metse ga ba nwe sentle, selo se ba kaileng sene se seyo fa ba ne ba nosiwa ke ba lephata la metsi la khansele.

Le fa go ntse jalo, ba lebogetse lenaneo la LIMID, le la Ipelegeng, ba re le bathusa go ithekela dijo. Ba lebogetse le la nyeletso lehuma ba re sebe sa phiri ke gore dithuso tsa lone di a rotha.

E rile tona a ba kgwa dikgaba, a re koporasi ya metsi e ne ya lebanwa ke kgwetlho e tona ya go kopana le tlhaelo ya metsi lefatshe ka bophara fa e neelwa boikarabeo jwa go nosa metse, a tlhalosa fa gone a tlaa isa selelo sa bone kwa go tona yoo maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Jan 2014