Breaking News

Babapadi ba phane ba tlaa tseelwa dikgato

26 Jan 2014

Molomaganya ditiro tsa lephata la tshomarelo tikologo le matlotlo a ditsa-tlholego mo kgaolong ya legare, Rre  Kebagaisitse  Mapena, a re batho ba ba tsweletseng ka go bapala phane  ba sena diteseletso ba tlaa tseelwa dikgato.

Rre Mapena o boletse mo potsolotsong gore, batho bangwe mo dikgaolong tsa  Boteti, Tutume, Masunga le Borwa ba na le mokgwa wa go bapala phane le mororo ba sena diteseletso.

A  re ba ba inaakantseng le go dira jalo ba  ka  lefisiwa sekete sa dipula kana ngwaga mo kgolegelong, kana dikatlholo tseo di tsamaya mmogo. 

O  tlhalositse  fa  lephata la gagwe le dirile P16 714 ka go neela batho diteseletso tsa go bapala phane mo dikgaolong tsa lefatshe  leno ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole.

Rre Mapena o tsweletse ka go kopa Batswana ba ba itshetsang ka go bapala phane gammogo le ba ba gwebang ka  yone, go nna ba ipega mo dikgosing, beng  ba  masimo le meraka e ba  bapalang phane mo go yone go hema dikgotlhang fa gare ga bone le beng ba metse e ba bapalang phane mo go yone.

A  re  go  ipega  mo dikgosing go ka ba thusa ka jaana ba ka kgona go kaelwa  kwa phane e leng teng le go ba namola kana go ba tswa mokgosi fa bangwe  ba bone ba timetse mo sekgweng.  

Rre  Mapena  o  rile  le  fa phane e dikile e  seyo  mo  dikgaolong  di le  mmalwa  ntateng  ya  leuba  le  le bakilweng ke go tlhoka dipula, gone Batswana bangwe ba kgonne go tswa ka sengwe.

Le fa kgaolo ya Shoshong e sa tlwaelesega ka go nna le phane, kgosi Gofaone Khukhwane  wa Kodibeleng o tlhaloseditse ba BOPA fa banni ba Kodibeleng  le  meraka  e  e mo tikologong  ba  dikile ba bapetse phane kwa merakeng ya Merolo,Masowa le Mosoke. Kgosi Khukhwane o rile le fa  go  sena  ditlhare   tsa mophane  kwa kgaolong eo, seboko sa phane  se  itshetsa  ka  matlhare a  magonono.

E re ka go dikile go gosomane dipula tse dinamagadi mo dikgaolong tsa bokone botlhaba le legare tse e leng tsone boremelelo jwa phane, Rre Mapena o bolela fa go tlaa dika go nnile le phane e ntsi ka kgwedi ya Moranang  mono ngwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 26 Jan 2014