Breaking News

Banna ba kgwathisitswe

26 Jan 2014

Kgosi Simon Nkageng wa kgotla ya Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba  e rile bosheng  a atlholela borre  ba le babedi go pegwa dithupa ka molato wa bogodu.

Bazibi Lephojane wa dingwaga tse di masome a mararo le bongwe le Chandapiwa Nkozi  wa dingwaga tse di masome a mabedi  le boroba bongwe  ba motse wa Tati Siding, ba ne ba pegwa dithupa tse tlhano mongwe le mongwe wa bone morago ga go bonwa molato wa go utswa leokwane la diesel mo khamphaning e ba berekang mo go yone.

Go bolelwa fa banna bao, ba ba berekang kwa China Railway, e e dirang tsela ya Francistown/Tonota, ba ne ba gopela leokwane la selekanyo sa dilithara di le  125 mo metshineng e e dirisiwang ke khamphani eo.

Basekisiwa  ba ne ba bonwa ke badisa dikago mo maitseboeng a kgwedi  eno e le lesome le boferabongwe, ba ba neng ba loma mapodisi tsebe mme ba latedisa borre bao go fitlhelela ba ba tshwara ka leokwane leo.

Kgosi  Nkgageng  o ne a itsese basekisiwa bao fa molato o ba o dirileng, wa go utswa fa ba direlang teng, o ka  dira gore ba dise poo lebaka la dingwaga tse supa.  A re fela o tsere tsia boikuelo jwa bone le ntlha ya gore ke lantlha ba dira molato.

E ne e rile ba ipobola, bobedi joo jwa kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko, ba tlhalosa fa kgolegelo e ka ba  baya ka fa mosing. Rre Lephojane o ne a  supa fa a tlhokomela bomonnawe e bile mosadi wa gagwe a itsholofetse, fa Rre Nkozi  ene, a ne a tlhalosa fa a tsenya bomonnawe sekolo  mo godimo ga moo, a na le ngwana yo mo nyenyane yo a mo tlhokomelang.

Leokwane leo, le ne la tlisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore le busediwe kompone eo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Tsheko

Date : 26 Jan 2014