Kgosi Ntebele o bolokilwe
26 Jan 2014
Boidiidi jwa batho bo ne tshologetse kwa Palapye ka Matlhatso, Hirikgong a tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano, go laela modiri ka bone, tsala, lesika, kgosi le moruti, Kgosi Raditanka Ntebele.
Le ntswa pula e ne e tshologa, banni ba Palapye le sechaba ba ne ba seka ba ipona tsapa go ya go ema le ba lelwapa loora-Ntebele go supa lerato le ba ntseng ba tshedisanya le kgosi ka lone. Bagologolo ba supa fa pula mofuta o, e le sekao sa gore yo o tlhokafetseng o ne a le mogolo e bile ele mogaka wa popota.
Kgosi Ntebele o tlhokafetse ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le masome a mabedi 20. Bangwe ba tlhalosa fa go fitlhetswe kala ya setlhare sa mosetlha se se mo kgotleng e kgaogile go supa fa kubu ya madiba e tsamaile, madiba a kgadile.
Monnawe kgosi, Rre Christian Ntebele o supile fa Kgosi Ntebele a lwetse ka lebaka le le khutshwane a sena go kubugelwa ke bolwetse ka kgwedi ya morule ngogola.
A re bana bane ba leka go mo isa kwa bongakeng mono le kwa Aferika Borwa mme bokoa bo ne jwa mo hekeetsa. Kgosi Ntebele o tshotswe ka ngwaga wa 1932 mo kgotleng ya Makolojwane kwa Serowe, ele ngwana wa bone wa ga Mme Banabotlhe Ntebele le Raditanka Ntebele-a-Sejabosigo.
O simolotse dithuto tsa gagwe kwa sekolong se sebotlana sa Masokola mme a se tlogela ka ngwaga wa 1953 a dira lekwalo la boraro. O ne a fudugela kwa Palapye kwa a neng a bereka mo lebentleleng la ga Shashane, mme morago a thapiwa ke boora Bailey kwa a neng a dira ele motlhokomedi wa lebentlele.
Ka lefatshe leno e ne ele gone le simololang sepolotiki, Kgosi Ntebele e nnile mongwe wa mapolotiki a ntlha a ikamantse le party ya Botswana People’s Party mme morago ga go kgaogana ga party e, a tsamaya le ba ba neng ba tlhama Botswana Independence Party.
Le fa go ntse jalo e rile ka ngwaga wa 1971, a tlogela mo goora Bailey mme a simolola tiro ya bogosi kwa Palapye a dira ka fa tlase ga ga Kgosi Molwa Sekgoma, morago a dira le Kgosi Eitsile Majashango.
One a tlhatlosiwa maemo a ya go dira e le Senior Sub-Tribal Authority kwa Mahalapye mme ya re ka 1980 morago ga loso lwa mosadi wa gagwe a busediwa Palapye kwa a busitseng go fitlhela a tlhokafala.
Kgosi Ntebele o ne a tsena mo nyalong le Mme Motswakgakala Ntebele ka ngwaga wa 1964 yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1979. Fa a bua mo boemong jwa motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma o tlhalositse fa go sa latlhegelwa motse wa Palapye fela mme go latlhegetswe bogosi jwa ga Mmangwato ka kakaretso.
A re Kgosi Ntebele o simolotse go busa ka dinako tsa morago fela ga boipuso ka nako e boleng jwa bogosi bo neng bo le kwa godimo fela thata. A re Kgosi Ntebele ka jalo e ne e le mongwe wa dikgosi tsa ntlha tse bogosi bo neng bo mo ikantse bogolo jang mo dikgannyeng tsa ditharabololo tsa bogosi ka a ne a itse ditso.
A re bogosi malatsi a bo a lwelwa mme kgaolo ya legare e ne e beile mo go ene go thusa go rarabolola dikgang tseo. A re Palapye ke motse o fatlhogang mme Kgosi Ntebele o ne a o tshegeditse ka dingwaga tse dintsi go rena thitibalo.
Molaodi wa Palapye, Mme Veronica Rabakane le ene o lebogetse go dira le Kgosi Ntebele. A re le fa nako tse dingwe a ne a galefa, Kgosi Ntebele o ne a dira le bodirelapuso ka lerato a sa tshabe go ntsha mafatlha a gagwe.
O rotloeditse morafe wa Palapye le ba lelwapa la gagwe go tswelela ba tshwaragane ba dira e le seopo sengwe. Tautona wa pele, Rre Festus Mogae, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele le bone bane ba isa molaetsa wa matshidiso mo go ba lelwapa.
Tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu le ene one a tsile go ema le ba lelwapa leo. Kgosi Ntebele o tlogela bana ba le barataro, bana ba bana ba le lesome le botlhano le dikokomane tse pedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Tirelo ya phitlho
Date : 26 Jan 2014






