Breaking News

Khama o tshidisa boora Ntebele

26 Jan 2014

E rile go utlwa ka leso la ga  Kgosi Raditanka Ntebele wa Palapye, Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a ya go lekola ba lelwapa loora Ntebele ka Labotlhano (Hirikgong a tlhola masome mabedi le bone).

Kgosi Ntebele o bolokilwe ka Matlhatso, kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le botlhano.

Tautona Khama o tlhalositse fa go ne go se lebaka leleele a bone Kgosi Ntebele mme a ne a sa solofela gore e ka re mo nakong e khutshwane a bo a setse a tlhokafetse. A re sehularo sa ga Kgosi Ntebele se tlogetse Batswana ka kutlobotlhoko, a tlhalosa fa puso, Bangwato le sechaba ka kakaretso ba latlhegetswe.

A re Kgosi Ntebele o diretse sechaba go tswa ka ngwaga wa 1971 go fitlhelela leso lwa gagwe. Fa a lekodisa Tautona ka go tlhokafala ga ga Kgosi Ntebele, monnawe Kgosi Ntebele, Rre Christian Ntebele yo ebileng eleng kgosi ya Radisele one a tlhalosa fa Kgosi Ntebele ane a kubugelwa ke bolwetse mo nakong e khutshwane ka kgwedi ya Sedimonthole jo bo feletseng bo gapa botshelo ba gagwe.

A re o lebogetse kemonokeng le lerato le ba lelwapa la gagwe ba ntseng ba le fiwa ke dikgosi go tswa mo tikologong ya ga Mmangwato le dikarolo tse dingwe tsa lefatshe leno.

O ne a lebogela leorato le le supilweng ke tautona le mothusi wa gagwe, a tlhalosa fa go supa fa ba sa ntse ba na le batsadi mme ba sa latlhegelwa. Mothusa tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe, le mothuisa tautona wa pele Lt Gen. Mompati Merafhe le bone bane ba lekola boora Ntebele go isa matshidiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Matshediso

Date : 26 Jan 2014