Banni ba letile tsela le motlakase
23 Jan 2014
Banni ba metse ya Mmakgori le Dikhukhung mo kgaolong ya Barolong ba tlhalositse fa tsela e e lomaganyang metse ya bone e se mo seemong se se itumedisang.
Ba buile jalo mo diphutegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone e bile e le Tona wa Meepo,Kgothetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila fa a ne a ile go ba lekola bosheng.
Ba tlhalositse fa ba sale ba solofediwa go tsenyediwa sekontere , godimo ga moo ba re tsela eo e ba baya ka fa mosing ka le badirela puso ba gana go tla go berekela mo metseng ya bone ka ntlha ya tsela eo. Mo kgannyeng ya motlakase ba boleletse Mopalamente wa bone fa ba tlhokana le motlakase le bone fela jaaka batho ba dikgaolo tse dingwe.
Ba re mo malatsing a segompieno motlakase ke one botshelo. Banni ba Dikhukhung bone ba lela ka letlhoko la metsi, le ba reng le ba apesitse kobo ka letshoba.
Ba re ba kgona go nna malatsi a le mantsi ba sa bone metsi mme ba kopa Tona go tsibogela kgang e ya metsi. Le fa go ntse jalo ba motse wa Mmakgori bone ba ne ba leboga ba koparase ya metsi, ba kaya fa seemo sa metsi se tokafetse mo motseng wa bone.
Mme ba ne ba ngongorega ka lenaneo la banana, le ba tlhalosang fa bontsi jwa banana mo motseng ba sa le ba supa fa ba sena kitso ka lenaneo. Le fa go ntse jalo ba ne ba leboga puso go bo e ba fa dipeo mahala mme ba tlhalosa fa seo e le maiteko a mantle fele thata.
Mo godimo ga moo ba ne ba lebogela nyeletso lehuma e e neng e tshwaretswe kwa kgaolong ya bone mo motseng wa Dikhukhung ngwaga o o fetileng Ba re mananeo a nyeletso lehuma a ba thusitse fela thata gonne jaanong ba kgona go ijesa le ba malwapa a bone.
Kwa motseng wa Dikhukhung gone ba ne ba supa fa ba kopa maharatlhatlha a seromamowa le telebishine, ba tlhalosa fa ba sale ba utlwa seromamowa ka nako ya nyeletso lehuma .
Fa a ba kgwa dikgaba Tona Mokaila o ne a kopa maitshwarelo mo banning ba metse eo go bo a tsere sebaka go tla go ba lekola, a kaya fa lephata le a leng kwa go lona le tlhoka nako ya gagwe yotlhe.
Fa a itebaganya le kgang ya tsela le motlakase o ne a tlhalosa gore fa dilo di ka tsamaya sentle tsela e tla simolowa ka kgwedi ya Moranang monongwaga. Ka motlakase o ne a supa fa ba santse ba le mo lenaneong la go isa motlakase kwa diofisng tsa puso mme morago ke gone ba tla gokelang metse e e senang motlakase.
Fa a ama tlhaelo ya metsi Tona o ne a supa fa metsi a tlhaela lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore matamo ka bontsi a kgadile, a fa sekai ka letamo la Gaborone le a tlhalositseng fa le le mo seemong se se tshosang. Tona Mokaila o ne a kopa setshaba go dirisa thothi e ba nang le yone sentle le go emisa go nosa leruo metsi a morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2014






