Mmaraka wa Kgagodi o tlhoka paakanyo
23 Jan 2014
Morago ga go lemoga fa bagwebi ba ba botlana ba motse wa Kgagodi ba sokola ka lefelo le ba ka rekisetsang dithoto tsa bone mo go lone, komiti ya ditlhabololo tsa motse oo e ile ya dumela go dira mmaraka o bagwebi ba ka rekisetsang teng mme ba ntsha sepenyana gore letlole la komiti le seka la phaphalala fela.
Komiti e ne ya baa tlhwatlhwa ya P30 go duelwa ke mogwebi mongwe le mongwe. Tlhwatlhwa e e saleng e bewa dingwaga tse di lesome fa mmaraka o simolola go dirisiwa e ntse e nngwe fela ka gonne mmaraka ga o ise o tlhabololwe.
Ba komiti ya VDC ya motse ba bolela fa ba sa jesiwe diwelang ke se mme go se sepe se ba ka se dirang go oketsa ditlhwatlhwa ka gore letlole la VDC ga le na madi a ka shafatsang kago pele ba ka oketsa ditlhwatlhwa.
Mothusa modulasetilo wa VDC, Mme Seduda Mhaladi o buile mo potsolotsong gore e setse e le dingwaga tse dintsi kago ya mmaraka e le mo seemong se se sa jeseng diwelang se. O bolelwa fa marulelo a kago e, a rutlomologile bontlha bongwe, mabati a teng a sa bereke sentle. O ne a re maikaelelo a VDC go tlhabolola motse wa Kgagodi ka mmaraka a tla itaya sefololetse fa mmaraka o o ka tswelela o le mo seemong se.
A re mmaraka o, o ne o diretswe matlwana a borekisetso a le lesome mme ka go tlhoka go gokela motlakase, bagwebi ba ba botlana ga ba a ka ba kgatlhegela go dirisa lefelo leo. Mme Mhaladi a re se, se ile sa dira gore VDC e seka ya kgona go bona dipoelo jalo letlole la bone le ye ko tlase ka se ba neng ba solofetse go tsenya madi ka sone se ile sa seka sa diragala.
A re mo nakong ya gompieno letlole la VDC ga le na madi a go ka baakanya le go gokela motlakase mo kagong ya mmaraka gore e nne mo seemong se bagwebi ba ka e kgatlhegelang.
A re go tlhoka go gokela motlakase go dira gore bagwebi ba ba botlana ba seka ba kgatlhegela go gweba mo marekisetsong a, mme ba itirele dimausu mo malapeng. Mme Mhaladi a re kgwebo ya gompieno e batla ditsidifatsi gore dijo di seka tsa senyega, jalo ka ntateng ya letlhoko la madi go gokela motlakase, bagwebi ba bona go le botoka go gweba mo malapeng kwa batla sekeng ba sokole ka ditsidifatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 23 Jan 2014






