Breaking News

Lephata la metsi ga le itumedise ba Mokatse

23 Jan 2014

Banni ba Mokatse mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba re ga ba jesiwe diwelang ke lephata la Water Utilities Corporation (WUC).

E rile ba ntsha dingongorego tsa bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Isaac Mabiletsa bosheng, ba supa fa ba kokonetswe ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dituelo tsa metsi.

Ba re fa ba tshwantshanya  le nako e ba neng ba duediswa metsi ke khansele, dituelo di ne di le botoka fela thata, mme e sale Water Utilities Corporation e fiwa boikarabelo jwa go nosa Batswana metsi, ditlhwatlhwa  di ile  kwa godimo fela thata.

Mme Boemo Molefhe a re se se ngomolang pelo le go feta ke gore motho o kgona go romelelwa pampiri ya tuelo e farologane ka tlhwatlhwa gabedi mo kgweding mme fa o botsa gore ya nnete ke efe, ga gona karabo e e kgotsofatsang.

A re o ne a gakgamala morago ga go amogela pampiri ya sekoloto e supa fa a kolota madi a a fetang dikete tse tharo tsa dipula mme fa a latedisa kgang ga gona yo o batlang go tsaya boikarabelo ja yone. Mme Molefhe a re bangwe babereki ba koporase e, ba ne ba batla go mo duedisa fa bangwe bone ba re go ka tswa go nnile le phoso.

A re se se supa gore tsamaiso ya koporase ya metsi ga e a siama e bile ga e a lolama mme a kopa gore a thusiwe ka seemo se a leng mo go sone. O tsweletse  a re ga se ene fela, batho ka bontsi ba kgaoletswe metsi mme fa go sekasekwa sentle go nnile le diphoso ka nako ya dikoloto di dirwa go romelela batho.

O ne a tlatsa ka gore Batswana ka bontsi ba  kokonelwa ke dikoloto tsa metsi  le ntswa bangwe ba sena matlwanana  a boitiketso a metsi e bile go sena kago epe mo lwapeng.

E rile Rre Isaac Mogale a mo tlatsa le ene a supa fa metsi e le botshelo mme motho a sa ka ke a tshela ntle le one ka jalo koporase ya metsi e tshwanetse  ya nna kelo tlhoko ka go kgaolela batho metsi.

Mopalamente Rre Mabiletsa a re o ne a laleditse bagolwane ba lephata la metsi go tsenelela phuthego ya gagwe  mme ga batla ka jalo go a mo ketefalela ka gore ke bone ba ka bong ba araba dilelo tse.

Le fa go ntse jalo a re o tla ikopanya le bone mme  a ba kope gore ba tle go tsibogela dilelo tsa banni ba motse wa Mokatse le go tlhalosa gore dituelo tsa metsi di tsamaya jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jan 2014