Breaking News

Khansele e tlaa sekaseka molao wa leruo

06 Feb 2013

Molao kakanyetso o o ikaelelang go laola go tsamaya ga leruo mo kgaolong ya Bokone Bophirima o tlaa bewa pele phuthego ya khansele e e tlaa tsenang ka Seetebosigo. 

Modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Latlhang Molonda o boletse fa molao kakanyetso oo, o o ka bong o tlhomilwe ngogola ka Sedimonthole, o setse o isitswe kwa komiting ya tsa madi.

 Le fa go ntse jalo, a re go tshwanetse ga nna le merero mo dikomiting ka go farologana gammogo le bone barui tota.

 O tladitse ka gore e tlaare ka Moranang, molao kakanyetso o rolelwe setshaba mo dikgotleng mme morago o fetisediwe kwa khanseleng e tona e e tlaa tsenang ka Seeetebosigo monongwaga.

Rre Molonda o boletse gape fa maiteko a ba melawana ya khansele ya Bokone Bophirima, a go lekodisa barui ka molao o, a ne a itaya se fololetse ka ntata ya gore barui ba ne ba phatlaletse. 

Le fa go ntse jalo, modulasetilo o tlhalositse fa jaanong go se na molao o o tsepameng o o laolang metsamao ya leruo le le sailang mo metseng ya kgaolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagisitswe Dioka

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 06 Feb 2013