Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa dikgomo
23 Jan 2014
Mapodise a Phitshane-Molopo a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone borre ba le bararo ba ba lefatshe la Aferika Borwa ba utswileng dikgomo kwa polaseng ya Banyana.
Fa a bua mo potsolotsong, motshwarelela mookamela mapodisi a kgaolo eo, Inspector Benjamin Modimoosi a re borre bao ba ne ba utswa dikgomo di le tharo ka mafelo a beke mme ba di tlodisetsa kwa Aferika Borwa
Inspector Modimoosi o tlhalositse fa ba ne ba kgona go tshwara a le mongwe le kgomo e le nngwe kwa motseng wa Mabule gone kwa Aferika Borwa .Mo kgannyeng e nngwe a re ba tshwere mme mongwe wa letso la Zimbabwe a leka go tlodisa bana ba gagwe ba le babedi molelwane e se ka fa molaong kwa Phitshane Molopo.
A re bana bao ba dingwaga di magare ga botlhano le boroba-bongwe mme go lebega ba ne ba tlola molelwane go tswa kwa Aferika Borwa batla mo Botswana.
Inspector Modimoosi a re ba tshwere gape rre mongwe wa dingwaga di le masome a mabedi le bosupa wa motse wa Phitshane -Molopo mabapi le kgang e, ka go lebega a ne a thusa mme yoo go tlodisa bana bao molelwane.
A re dikgang tsa go tlola molelwane e se ka fa molaong di a tshwenya mo kgaolong ya bone. A bolela fa banni bangwe ba metse e e bapileng le molelwane ba inaakantse le go dira jalo le ntswa ba itse gore ke molato. O ikuetse mo setshabeng go emisa mokgwa oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : LOBATSE
Event : Potsolotso
Date : 23 Jan 2014






