Sekole se tlhaelelwa ke dibuka
23 Jan 2014
Koketsego ya ditlhwatlhwa e bakile tlhaelo ya dibuka tse dikwalelang kwa sekoleng se segolwane sa Mogoditshane.
E rile a lekodisa Mothusa Tona ya Lephata la Thuto le Ditlhabololo Dikitso, Rre Patrick Masimolole bosheng, mothusa mogokgo wa sekolo seo,Mme Sekete Ngope, a bolela fa tlhaelo eo e bakilwe ke go bo kompone e e rekisang dibuka e e direlang kwa Francistown, e tlhokile go tsisa dibuka ka ntlha ya koketsego ya ditlhwatlhwa
Mme Ngope o boletse gore e a tle e re go nna le bothata jwa go tshwana le jo, go adimiwe dibuka mo dikolong tse di mabapi mme ka maswabi, mo nakong eno ga ba a kgona go adima ka gore le tsone dikolo tsa teng di rekisediwa dibuka ke kompone eo.
O tsweletse ka gore batsadi ba bana ba ba kwalang ditlhatlhobo ba bonya go thusa sekolo ka dipampiri di tshwana le moriti wa Omang le setlankana sa matsalo, tse di dirisiwang go kwadisetsa bana ditlhatlhobo.
Mme Ngope a re se, se baka gore maina a bana a felele a isiwa thari kwa Botswana Examination Council. E ne ya re fa a lekodisa mopalamente ka dikgwetlho tse sekolo se kopanang le tsone, Mme Elizabeth Norris, a tlhalosa fa ba lebanwe ke kgwetlho e tona ya go tlhoka koloi mo sekolong.
A re ntswa ba a fa bana boroko mo sekolong, ga gona koloi e e areng ba nna le seemo sa tshoganetso jaaka go isa bana sepatela ba e dirise.A re boimana le jone bo ile magoletsa mo sekolong mme e ne yare ba kopane le batsadi, ba gakolola gore bana ba tlhatlhobelwe boimana kgapetsa kgapetsa.
Nno le ditagi le tsone di tshwentse bogogi jwa sekolo seo fela thata ka Mme Norris a tlhalosa fa ba kgona go tshwara bana ka motokwane mo sekolong. A re ba lemogile gore ditagi di fitlhelwa thata mo baneng ba ba sa tswang go busediwa mo sekolong ka lenaneo la ‘Back to School”.
Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone Rre Masimolole o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le tla tlhotlhomisa gore ke eng kompone ya Francistown e rekisetsa dikolo tsa Mogoditshane dibuka ntswa go na le tse di rekisang dibuka mo tikologong. A re kgang e, o tla e latedisa le mokwaledi mogolo mo lephateng.
Rre Masimolole a re dikgang tse dingwe ke tse di amang komiti ya batsadi le barutabana . A re dikgang tsa go tshwana le boimana le kwadiso ya bana ba ba kwalang ditlhatlhobo, di tshwanetse tsa buiwa tsa bo tsa dumalanwa ke bobedi jo. A re o tshwenngwa ke gore ka nako ya tee, bana ba dikolo tsa Mogoditshane ba ya Botswana Television kwa Mokaragana le My Star.
O ne a re letlhoko la dipalamo le aparetse kgaolo ya Kweneng ka bophara. A re se se ka dirwang mo bogompienong ke gore botsamaisi jwa sekolo bo tswelele ka go adima dikoloi mo maphateng a mangwe fa bothata jo bo sa ntse bo rarabololwa. ENDS
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tekodiso
Date : 23 Jan 2014






