Ba tla bona fa ba latsang tlhogo teng
22 Jan 2014
Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele a re go tla agiwa matlo a bana ba sekole a boroko kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Seolwane, Mokokwana, Mosweu le Maunatlala bosheng, Rre Prince Maele o boletse fa puso e arabile selelo sa banni sa gore go agiwe matlo a boroko kwa sekoleng seo ka go bonwe madi a dikago tseo.
A re bana ba ba tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala mme ba tswa mo metseng e e mabapi ba tsamaya sekgele se se telele go ya sekoleng, ka jalo ke bone ba ba tla fiwang monyetla wa go ka nna mo sekoleng fa dikago tseo di wela.
Mopalamente a re dikago tse di tla agiwang di akaretsa matlo a le mabedi a borutelo; matlo a le mararo a barutabana; ntlo ya boapeelo; matlo a le mabedi a boroko, otlhe e le a matlhatlaganyane le matlo a batlhokomedi ba bana ba ba tla nnang mo sekoleng a le mabedi.
Mo go tse dingwe, Rre Maele o ne a itsise banni fa puso e simolodisitse lenaneo la tirelo setshaba mme le le pharologanyo le le le neng la fedisiwa mo dingwageng tse di fetileng. A re banana ba ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le masome a mararo ke bone ba ba tla akolang lenaneo le.
O tlhalositse fa go sa kgathalesege gore monana wa dingwaga tseo o nna sebaka se se kae mo lenaneong leo mme molelwane e tlaabo e le dingwaga tsa moithaopi. A re pharologanyo ya Tirelo Setshaba e le e e fetileng ke gore go tlaabo go sa patikiwe gore monana a ka e tsenelela mme go tlaabo go dirwa ka boithaopo, go direlwa mo maphateng a puso ka go farologana.
Rre Maele a re moithaopi o tlaabo a fiwa P500 kgwedi le kgwedi gape a beelwa P200 kgwedi le kgwedi yo e tla reng a fetsa a bo a mo newa. A re ga go tlhokafale gore yo o nang le keletso ya go tsena mo lenaneong la Tirelo Setshaba a bo a na le ditlankana dingwe tse di kwa godimo. Rre Maele o ne a itsise banni gape fa letsomo la diphologolo le emisitswe ka puso e ne ya itemogela fa palo ya tsone e fokotsega mo lefatsheng leno.
A re tshwetso e e tla thusa gore go tle go batlisisiwe gore phokotsego e e bakwa ke eng. Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba leboga puso gobo e sekegetse dilelo tsa bone tsa gore go agiwe matlo a boroko kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala. Ba boletse fa ba kokonelwa ke go duelela bana madi a sepalamo kgwedi le kgwedi, fa bangwe batsadi bone tota ba sa kgone go ka duelela bana bone madi a sepalamo mme ba patelesege go tsamaya sekgela se seleele ka dinao ba ya sekoleng.
Ba ne gape ba kopa puso go tsibogela go dirwa ga tsela e e tswang Selibe-Phikwe e ya Martins Drift ka e na le dikhuti tse dintsi. Ba re tsela eo e borai thata mo bakgweetsing ka e kgona go baka dikotsi.
Fa a tsibogela kopo eo, Rre Maele o ne a bolela fa tsela eo e ne e le mo lenaneong la ditlhabololo mme ka lefatshe leno le ne la welwa ke seru sa kwelotlase ya itsholelo e ne ya seegelwa fa thoko. A re tsela eo e tla dirwa fa seemo sa itsholelo se ka tokafala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 22 Jan 2014






